LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w16 April ts. 21-26
  • Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • LEBA DIPUSO JAAKA JEHOFA A DI LEBA
  • ITSHUPENG LO LE “BOTLHAJANA” MME GONE LO ‘SE NA MOLATO’
  • JEHOFA O TLA GO THUSA
  • ITHUTE MO BATLHANKENG BA BA IKANYEGANG BA GA JEHOFA
  • Go sa Tseye Letlhakore go Kaya Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tswelela Pele o Ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
w16 April ts. 21-26
Mosupi wa ga Jehofa o mo kgolegelong ka ntlha ya go se tseye letlhakore

Se Tseye Letlhakore mo Lefatsheng Leno le le Kgaoganeng

“Duelang . . . Modimo dilo tsa Modimo.”—MATHAIO 22:21.

PINA: 33, 137

A O KA ARABA?

  • Jehofa o leba jang dipuso tse di mo lefatsheng?

  • Re tshwanetse go dira eng fa go le thata go nna re sa tseye letlhakore mo dilong tsa lefatshe?

  • Re ka ithuta eng mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba ileng ba se ka ba tsaya letlhakore mo dilong tsa lefatshe leno?

1. Re ka ikobela Modimo le dipuso jang?

BAEBELE e re laela gore re ikobele dipuso mme gape e re laela gore re ikobele Modimo ka metlha. (Ditiro 5:29; Tito 3:1) A mme gone go a kgonega? Jesu o ne a tlhalosa molaomotheo o o re thusang go itse gore ke mang yo re tshwanetseng go mo ikobela. O ne a re re tshwanetse go duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”[1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) (Mathaio 22:21) Re duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara” fa re ikobela melao ya puso, re tlotla badiredi ba puso le fa re duela lekgetho. (Baroma 13:7) Mme fa puso e re laela go tlola melao ya Modimo, re a gana mme re dira jalo ka tlotlo.

2. Re bontsha jang gore ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki?

2 Tsela nngwe e re duelang “Modimo dilo tsa Modimo” ka yone, ke ka go se tseye letlhakore mo dipolotiking. (Isaia 2:4) Ga re nne kgatlhanong le dipuso ka gonne Jehofa ke ene a di letleletseng gore di laole. Gape ga re tseye letlhakore mo ditirong tsa bosetšhaba kgotsa tsa boratanaga. (Baroma 13:1, 2) Ga re leke go menola puso kgotsa go tlhotlheletsa batho ba dipolotiki e bile ga re tseye karolo mo ditlhophong kgotsa mo dipolotiking.

3. Ke eng fa re sa tshwanela go tsaya letlhakore mo dilong tsa lefatshe?

3 Go na le mabaka a le mantsi a go bo Modimo a re re se ka ra tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa lefatshe. Lengwe la mabaka ao ke ka gonne re etsa Jesu yo o neng a se “karolo ya lefatshe.” Ga a ise a ko a tseye letlhakore mo dipolotiking kgotsa mo dintweng. (Johane 6:15; 17:16) Lebaka le lengwe ke ka gonne re ema nokeng Bogosi Jwa Modimo. E re ka re sa eme nokeng dipuso tsa lefatshe, re kgona go bua re gololesegile gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata otlhe a batho. Madumedi a maaka a tsaya letlhakore mo dipolotiking mme seno se kgaoganya batho. Mme rona ga re dire jalo, ke ka moo re leng seoposengwe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe.—1 Petere 2:17.

4. (a) Re itse jang gore go tla nna thata le go feta go nna re sa tseye letlhakore? (b) Ke eng fa re tshwanetse go ipaakanya gone jaanong go nna re sa tseye letlhakore?

4 Re ka tswa re nna mo lefelong le batho ba lone ba sa re pateletseng go tsaya karolo mo dipolotiking. Mme fa bokhutlo jwa lefatshe leno la ga Satane bo ntse bo atamela, dilo di ka nna tsa fetoga mme ga nna thata gore re nne re sa tseye letlhakore. Gone jaanong batho ga ba tlhole ba ‘batla go tsena mo tumalanong epe’ ba “tlhogoethata” mme ga go bonale ba tla tsamaya ba dirisana mmogo. (2 Timotheo 3:3, 4) Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba setse ba amilwe ke go fetoga ga maemo a dipolotiki mo dinageng tsa bone. Ke ka moo go leng botlhokwa gore gone jaanong re ipaakanyetse go sa tseye letlhakore tota le fa go ka nna thata jang. A re sekasekeng dilo di le nnè tse re ka di dirang go ipaakanya.

LEBA DIPUSO JAAKA JEHOFA A DI LEBA

5. Jehofa o leba jang dipuso?

5 Tsela nngwe ya go ipaakanyetsa go sa tseye letlhakore, ke ka go leba dipuso ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Fa Jehofa a ne a bopa batho, ga a ka a ba naya taolo ya go laola batho ba bangwe. (Jeremia 10:23) Mo go ene, re lelapa le le lengwe fela. Mme dipuso di kgaogantse batho ka gonne di a re naga e nngwe e botoka mo go e nngwe. Tota le fa go bonala e kete dipuso dingwe di siame, ga di ka ke tsa rarabolola mathata otlhe a batho. Gape di ile tsa nna baba ba Bogosi Jwa Modimo jo bo simolotseng go busa ka 1914. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi jono bo tlile go fedisa dipuso tsotlhe.—Bala Pesalema 2:2, 7-9.

Ipaakanyetse go sa tseye letlhakore gone jaanong le fa go le thata go dira jalo

6. Re tshwanetse go dirisana jang le badiredi ba puso?

6 Modimo o letleletse dipuso tseno go tswelela di ntse di le gone ka gonne di thusa gore maemo a se ka a tswa mo taolong. Seno se re thusa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Baroma 13:3, 4) Modimo o re laela gore re rapelele ba ba nang le taolo gore re kgone go mo obamela ka kagiso. (1 Timotheo 2:1, 2) Fa re sa tshwarwe sentle re ka nna ra kopa batho ba ba nang le taolo mo pusong gore ba re thuse. Paulo o ile a dira jalo. (Ditiro 25:11) Le fa Baebele e re Satane o laola dipuso tsa batho, ga e re o laola mongwe le mongwe yo o nang le taolo mo pusong. (Luke 4:5, 6) Ka jalo, ga re a tshwanela go dira gore batho ba akanye gore modiredi mongwe wa puso o laolwa ke Diabolo. Baebele ya re re se ka ra tlhapatsa batho ba bangwe.—Tito 3:1, 2.

7. Re tshwanetse go tila go akanya jang?

7 Re ikobela Modimo ka go se eme nokeng batho ba dipolotiki kgotsa mokgatlho ope wa dipolotiki tota le fa re dumalana le dikgopolo tsa bone. Go dira jalo go ka nna thata ka dinako tse dingwe. Ka sekai, akanya ka batho ba ba tsuologelang puso e e sa bolong go gatelela batho, go akaretsa le Basupi ba ga Jehofa. Gone ga o kitla o ema batsuolodi bano nokeng mme gone, a o ne o tla akanya gore se ba se dirang se siame le go eletsa gore ba atlege mo go sone? (Baefeso 2:2) Fa re batla go nna re sa tseye letlhakore, re tshwanetse go tila go akanya gore mokgatlho mongwe o botoka mo go o mongwe. Seno se tla bonala mo go se re se buang le se re se dirang.

ITSHUPENG LO LE “BOTLHAJANA” MME GONE LO ‘SE NA MOLATO’

8. Re ka nna jang “botlhajana” mme gone re le “ba ba senang molato” fa go le thata go sa tseye letlhakore?

8 Tsela ya bobedi e re ka bontshang ka yone gore ga re tseye letlhakore ke ka go nna ‘botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo re le ba ba se nang molato jaaka maphoi.’ (Bala Mathaio 10:16, 17.) Re nna “botlhajana” fa re ipaakanyetsa mathata pele a tlhaga. Mme re nna “ba ba senang molato” fa re sa tseye letlhakore mo maemong ao a a thata. A re sekasekeng mangwe a maemo ao le go bona kafa re ka nnang re sa tseye letlhakore ka gone.

9. Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko fa re tlotla le batho ba bangwe?

9 Metlotlo. Re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa batho ba re nang le bone ba simolola go bua ka dipolotiki. Ka sekai, fa re bua le mongwe ka Bogosi Jwa Modimo, ga re kitla re bua gore re dumalana le mokgatlho mongwe wa sepolotiki kgotsa motho mongwe wa dipolotiki ka sengwe se a se buang kgotsa gore ga re dumalane le ene. Go na le go bua ka dilo tse batho ba lekang go di dira go rarabolola mathata, bontsha go tswa mo Baebeleng gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata a batho. Fa batho ba ganetsana ka dikgang tse di jaaka go nyalana ga batho ba bong jo bo tshwanang kgotsa go senya mpa, ba bolelele se Lefoko la Modimo le se buang le kafa wena o lekang go le dirisa ka gone mo botshelong jwa gago. Fa mongwe a re melao mengwe e tshwanetse go fetolwa kgotsa go fedisiwa, ga re tseye letlhakore e bile ga re mo pateletse gore a fetole tsela e a akanyang ka yone.

Bapisa se o se utlwang le “mafoko a a itekanetseng” a a mo Baebeleng

10. Re ka tlhomamisa jang gore ga re tseye letlhakore fa re leba kgotsa re bala sengwe mo metsweding ya tshedimosetso?

10 Metswedi ya tshedimosetso. Ka dinako tse dingwe, babegadikgang ba ka tswa ba bega kgang ba sekametse ka fa letlhakoreng le le rileng. Seno se direga thata kwa dinageng tse metswedi ya dikgang e laolwang thata ke puso. Fa babegadikgang ba tsaya letlhakore, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra simolola go dumalana le bone. Ka sekai, ipotse jaana: ‘A ke rata go reetsa mmegadikgang yo o rileng ka gonne ke dumalana le se a se buang fa go tla mo dikgannyeng tsa dipolotiki?’ Re tshwanetse go tila go leba kgotsa go bala dipego tsa dikgang tse di tsayang letlhakore. Go na le moo, leka go batla dipego tse di sa tseyeng letlhakore. Mme ka dinako tsotlhe, bapisa se o se utlwang le “mafoko a a itekanetseng” a a mo Baebeleng.—2 Timotheo 1:13.

11. Fa dilo tse re nang le tsone di le botlhokwa thata mo go rona, ke eng fa go ka nna thata gore re se tseye letlhakore?

11 Go rata dikhumo. Fa re tsaya madi le dilo tse re nang le tsone di le botlhokwa thata, re ka nna ra fitlhela go le thata go nna re sa tseye letlhakore. Morago ga 1970, Basupi ba le bantsi kwa Malawi ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela dilo tsa bone ka gonne ba ne ba gana go nna maloko a lekoko lengwe la dipolotiki. Ka maswabi, bangwe ba bone ba ne ba palelwa ke go tlogela dilo tseo tsa bone. Kgaitsadi Ruth a re: “Bangwe ba ile ba ya le rona kwa kampeng ya batshabi mme moragonyana ba ne ba nna maloko a lekoko leo la dipolotiki le go boela gae ka gonne ba ne ba sa kgone go itshokela maemo a botshelo jwa mo kampeng.” Mme bontsi jwa batho ba Modimo ga ba a nna jalo. Ba nna ba sa tseye letlhakore tota le fa go dira jalo go dira gore ba latlhegelwe ke madi kgotsa ke sengwe le sengwe se ba nang le sone.—Bahebera 10:34.

12, 13. (a) Jehofa o leba batho jang? (b) Re ka lemoga jang gore re simolola go ikgogomosa ka naga ya rona?

12 Boikgogomoso. Batho ba rata go ikgantsha ka lotso, ngwao, toropo kgotsa naga ya bone. Mme Jehofa ene ga a tlhaole batho. Mo go ene re lekana rotlhe fela. Gone Jehofa o re bopile re sa tshwane mme ke sone se se dirang gore botshelo bo nne monate. Ga a batle gore re itatole ngwao ya rona. Mme ga a batle gore re akanye gore re botoka mo go ba bangwe.—Baroma 10:12.

13 Ga re a tshwanela go ikgantsha thata ka naga ya rona mo re feleletsang re akanya gore e botoka mo go tse dingwe. Fa re akanya jalo, go ka nna thata gore re nne re sa tseye letlhakore. Seo se ile sa direga bogologolo. Bakaulengwe bangwe ba Bahebera ba ne ba sa tshware batlholagadi ba Bagerika sentle. (Ditiro 6:1) Re ka lemoga jang gore re simolola go nna le boikgogomoso jo bo ntseng jalo? Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi wa kwa lefelong lengwe a go naya kakantsho, a ka bonako fela o a re, ‘Re dira dilo botoka fano,’ mme o bo o mo itlhokomolosa? Fa go le jalo, se lebale kgakololo eno e e botlhokwa: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”—Bafilipi 2:3.

JEHOFA O TLA GO THUSA

14. Thapelo e ka re thusa jang, mme ke sekai sefe sa Baebele se se bontshang seno?

14 Tsela ya boraro e e ka re thusang go sa tseye letlhakore, ke go ikaega ka Jehofa. Rapelela moya o o boitshepo o o ka go thusang go nna pelotelele le go nna boikgapo. Dinonofo tseno di ka go thusa fa puso e dira sengwe se se sa siamang. Kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga seemo se se ka nnang sa dira gore go nne thata go sa tseye letlhakore. Mo kope gore a go thuse go dira se se siameng. (Jakobe 1:5) Gongwe o ka isiwa kgolegelong kgotsa wa atlholwa ka tsela nngwe ka gonne o ikobela Jehofa. Fa seo se ka direga, kopa Jehofa bopelokgale jwa go tlhalosetsa ba bangwe ka tsela e e utlwalang sentle lebaka la go bo o sa tseye letlhakore. O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa gore o kgone go itshoka.—Bala Ditiro 4:27-31.

Ithute ditemana tse di tla go thusang gore o se ka wa tsaya letlhakore le ditemana tse di tlhalosang lefatshe le lesha

15. Baebele e ka re thusa jang gore re nne re sa tseye letlhakore? (Bona lebokoso le le reng, “Lefoko la Modimo Le ne La Dira Gore ba Tlhatswege Pelo le go Feta.”)

15 Jehofa o re neile Baebele gore e re thuse. Tlhatlhanya ka ditemana tse di tla go thusang gore o nne o sa tseye letlhakore. Leka go di bala le go di tshwara ka tlhogo ka gonne di tla go thusa fa go ka direga gore o tlhoke Baebele. Gape Baebele e ka dira gore o tlhomamisege ka ditsholofetso tsa Modimo tsa mo isagweng. Ditsholofetso tseo di re thusa go itshokela pogo. (Baroma 8:25) Tlhopha ditemana tse di buang ka dilo tse o lebileng pele go di bona kwa lefatsheng le lesha mme o ipone o le koo.

ITHUTE MO BATLHANKENG BA BA IKANYEGANG BA GA JEHOFA

16, 17. Re ka ithuta eng mo dikaong tsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba ileng ba nna ba sa tseye letlhakore? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

16 Tsela ya bonè e e ka re thusang gore re nne re sa tseye letlhakore, ke go akanya ka dikao tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Batho ba le bantsi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba le pelokgale e bile ba ne ba dira ditshwetso tse di siameng tse di neng tsa ba thusa go nna ba sa tseye letlhakore. Akanya ka Shaderake, Meshake le Abedenego, ba ba neng ba gana go obamela setshwantsho se se neng se emela puso ya Babelona. (Bala Daniele 3:16-18.) Pego eno ya Baebele e thusa Basupi ba le bantsi gore ba nne pelokgale le go gana go obamela folaga ya naga e ba nnang mo go yone. Jesu o ne a sa tseye karolo mo dipolotiking kgotsa mo dilong tse di neng di kgaoganya batho. O ne a itse gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla ithuta mo sekaong sa gagwe. O ne a re: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Johane 16:33.

17 Basupi ba le bantsi ba motlha wa rona ga ba a ka ba tsaya letlhakore. Bangwe ba bone ba ile ba tlhokofadiwa, ba tsenngwa mo kgolegelong ba bo ba bolawa ka gonne ba ikanyega mo go Jehofa. Sekao sa bone se re thusa go nna pelokgale. Mokaulengwe mongwe wa kwa Turkey a re: “Franz Reiter e ne e le mokaulengwe yo mosha yo o neng a bolawa ka gonne a ne a gana go nna lesole la ga Hitler. Lekwalo le a neng a le kwalela mmaagwe mo bosigong jwa pele a bolawa, le ne le bontsha gore o ne a na le tumelo e e nonofileng e bile a ikanya Jehofa, mme ke ne ke batla go etsa sekao sa gagwe fa nka lebana le teko e e tshwanang.”[2]—Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.

18, 19. (a) Bakeresete ba phuthego e o leng mo go yone ba ka go thusa jang gore o nne o sa tseye letlhakore? (b) O ikemiseditse go dira eng?

18 Bakeresete ba phuthego ya lona ba ka go thusa gore o nne o sa tseye letlhakore. Fa o le mo seemong se se thata, bolelela bagolwane. Ba ka go naya kgakololo e e molemo e e tswang mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, fa ba bangwe mo phuthegong ya lona ba itse, le bone ba ka go kgothatsa. Ba kope gore ba go rapelele. Le rona re tshwanetse go ema bakaulengwe ba rona nokeng le go ba rapelela. (Mathaio 7:12) Go bona lenaane la bakaulengwe ba ba mo kgolegelong, tsena mo jw.org mme o lebe setlhogo se se reng, “Basupi ba ga Jehofa ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone—Mo Mafelong a a Farologaneng” tlase ga DIKGANG > TSA SEMOLAO. Tlhopha maina a le mmalwa mme o kope Jehofa gore a ba thuse gore ba nne pelokgale le go tswelela ba ikanyega mo go ene.—Baefeso 6:19, 20.

19 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, re ka lebelela gore dipuso di tla re pateletsa go tsaya letlhakore. Ke ka moo go leng botlhokwa gore gone jaanong re ipaakanyetse go nna re sa tseye letlhakore mo lefatsheng leno le le kgaoganeng!

^ [1] (serapa 1) Kaesara yo Jesu a buang ka ene fano ke puso. Ka nako ya gagwe, Kaesara e ne e le mmusi e bile a na le taolo e e fetang ya batho botlhe.

^ [2] (serapa 17) Bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, mo tsebe 662, le lebokoso le le reng, “O ne A Swela go Tlotla Modimo” mo tsebe 150 ya buka ya Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!

Lefoko La Modimo Le ne La Dira Gore ba Tlhatswege Pelo le go Feta

“Go akanya ka Diane 27:11, Mathaio 26:52 le Johane 13:35 go ile ga nthusa gore ke kgone go gana go tsenela bosole. Gape ditemana tseno di ile tsa nthusa gore ke nne ke ritibetse ka nako ya fa ke lekwa.”—Andriy, wa kwa Ukraine.

“Isaia 2:4 e nthusitse gore ke nne ke sa tseye letlhakore fa ke lekwa. Ke ne ke ipona ke tshela mo lefatsheng la kagiso le mo go lone go seng ope yo o nang le sebetsa sa go gobatsa yo mongwe.”—Wilmer, wa kwa Colombia.

MAFOKO MANGWE A A TLHALOSIWA

  • Ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa lefatshe: Ga re tseye letlhakore mo dipolotiking le mo dintweng ka gonne re ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela