LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 72
  • A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A mme gone boammaaruri bo teng?
  • O ka bona boammaaruri jang?
  • Ke mang yo o simolotseng maaka?
  • Goreng go bua maaka go aname thata gompieno?
  • Goreng boammaaruri bo le botlhokwa?
  • Goreng Modimo a batla gore ke itse boammaaruri?
  • A Modimo o tla tsamaya a fedisa maaka?
  • Go Etsa Modimo yo o Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Eng fa re Batla Boammaaruri?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 72
Radipolotiki o eme fa pele ga boidiidi jwa batho o a bua kwa kokoanong ya sepolotiki.

A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?

Go ya ka wena, a go lebega go nna thata le go feta go farologanya se e leng boammaaruri le maaka? Gone jaanong, go bonala batho ba dumela dilo fela ba ikaegile ka maikutlo a bone le ka se bone ba se akanyang go na le go ikaega ka boammaaruri le dintlha tse di feletseng. Go ralala lefatshe, batho ba le bantsi ba dumela gore ga go na boammaaruri.

Kgopolo eno ga e ntšha. Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Molaodi wa Roma e bong Ponto Pilato o ne a botsa Jesu jaana ka lonyatso: “Boammaaruri ke eng?” (Johane 18:38) Le fa gone Pilato a ile a se ka a emela gore Jesu a mo arabe, potso ya gagwe e ne e le botlhokwa. Baebele e na le karabo e e ka go kgotsofatsang, e bile e ka go thusa gore o lemoge se e leng boammaaruri le se e leng maaka mo lefatsheng leno le batho ba tlhakantsweng tlhogo ke kgang eno.

A mme gone boammaaruri bo teng?

Ee. Baebele e dirisa lefoko “boammaaruri” go tlhalosa sengwe se se nang le dintlha tse di utlwalang le se se siameng kgotsa se se tshwanetseng. E ruta gore Jehofaa Modimo ke Motswedi wa boammaaruri jo bo feletseng, e bile e mmitsa “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5) Baebele e na le boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong, e bile e tshwantsha boammaaruri joo le lesedi ka gonne bo kgona go re kaela tsela mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng.—Pesalema 43:3; Johane 17:17.

O ka bona boammaaruri jang?

Modimo ga a batle gore re amogele boammaaruri jo bo mo Baebeleng fela re sa akanye. Go na le moo, o re laletsa gore re bo sekaseke re dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya go na le go ikaega ka maikutlo a rona. (Baroma 12:1) O batla gore re mo itse re bo re mo rate ka “mogopolo otlhe” wa rona, e bile o re kgothaletsa gore re iponele gore a se re se ithutang mo Baebeleng se boammaaruri.—Mathaio 22:37, 38; Ditiro 17:11.

Ke mang yo o simolotseng maaka?

Baebele e a re maaka a simolotswe ke mmaba wa Modimo, e bong Satane Diabolo, yo gape e mmitsang “rramaaka.” (Johane 8:44) O ne a bolelela batho ba ntlha maaka ka Modimo. (Genesise 3:1-6, 13, 17-19; 5:5) Fa e sa le ka nako eo, Satane o tsweletse ka go anamisa maaka e bile o fitlha boammaaruri ka ga Modimo.—Tshenolo 12:9.

Goreng go bua maaka go aname thata gompieno?

Mo nakong e re tshelang mo go yone, e Baebele e e bitsang ‘malatsi a bofelo,’ Satane o kgona go tlhotlheletsa batho e bile o a ba tsietsa go feta le fa e le leng pele. Gantsi batho ba bua maaka gore ba tsietse ba bangwe le go ba ja ntsoma. (2 Timotheo 3:1, 13) Gape maaka a aname le mo dikerekeng di le dintsi gompieno. Jaaka Baebele e ile ya bolelela pele ka nako e re tshelang mo go yone, batho ba “ikgobokanyetsa barutisi go ya ka dikeletso tsa bone gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe,” ba tlhopha go “tlogela go reetsa boammaaruri.”—2 Timotheo 4:3, 4.

Moruti o tshwere Baebele o eme fa pele ga phuthego o a bua mme bone ba opa diatla.

Goreng boammaaruri bo le botlhokwa?

Batho ba tlhoka boammaaruri gore ba kgone go tshepana. Fa batho ba sa tshepane, ga go ka ke ga nna le botsala jo bo nonofileng le setšhaba se se nonofileng. Baebele e a re Modimo o batla gore kobamelo ya rona e bo e theilwe mo boammaaruring. E a re: “Ba ba . . . obamelang [Modimo] ba tshwanetse go mo obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Fa o batla go ithuta kafa boammaaruri jwa Baebele bo ka go thusang ka gone gore o lemoge dithuto tsa maaka tsa bodumedi le gore maaka ao a se ka a laola botshelo jwa gago, bala motseletsele wa setlhogo se se reng “Maaka a a Dirang Gore Modimo a Lebege a sa Ratege.”

Goreng Modimo a batla gore ke itse boammaaruri?

Modimo o batla gore o tshelele ruri, mme o tlhoka go ithuta boammaaruri ka ene gore o kgone go dira jalo. (1 Timotheo 2:4) Fa o ithuta melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang o bo o tshela go dumalana le yone, o tla nna tsala ya gagwe. (Pesalema 15:1, 2) Modimo o ne a romela Jesu mo lefatsheng gore a tle go thusa batho go ithuta boammaaruri. Modimo o batla gore re reetse dithuto tsa ga Jesu.—Mathaio 17:5; Johane 18:37.

A Modimo o tla tsamaya a fedisa maaka?

Ee. Modimo o tlhoile batho ba ba jang ba bangwe ntsoma ka go ba bolelela maaka. A re o tlile go fedisa batho botlhe ba ba ikemiseditseng go tswelela ba bua maaka. (Pesalema 5:6) Fa Modimo a tsaya kgato eo, gape o tla bo a diragatsa tsholofetso eno e e reng: “Molomo o o buang boammaaruri o tla nnela ruri.”—Diane 12:19.

Ditemana tsa Baebele tse di buang ka boammaaruri le maaka

Johane 8:44: “[Diabolo] ke moaki e bile ke rramaaka.”

Se e se kayang: Satane Diabolo o ne a bua maaka a ntlha mme e ne ya nna ene motswedi wa maaka otlhe.

Diane 12:22: “Yo o buang maaka o makgapha mo go Jehofa.”

Se e se kayang: Batho ba ba ratang Modimo ba tshwanetse go tlhoa maaka fela jaaka le ene a a tlhoile.

Johane 4:24: “Ba ba . . . obamelang [Modimo] ba tshwanetse go mo obamela ka moya le ka boammaaruri.”

Se e se kayang: Modimo o batla gore kobamelo ya rona e dumalane le boammaruri ka ga gagwe.

Johane 8:32: “Boammaaruri bo tla lo golola.”

Se e se kayang: Boammaaruri jo Jesu a neng a bo ruta bo ka re golola mo go tlhokeng kitso, mo tumelobotlhoding, mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi le mo dilong tse dingwe. Bona setlhogo se se reng “‘Boammaaruri bo Tla lo Golola’—Jang?”

1 Timotheo 2:4: “Thato ya [Modimo ke] gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.”

Se e se kayang: Modimo o batla gore re ithute boammaaruri ka ene gore re tle re bolokwe.

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela