Kwa godimo mo molemeng: Marek M. Berezowski/Anadolu Agency via Getty Images; kwa tlase mo molemeng: Halfpoint Images/Moment via Getty Images; mo gare: Zhai Yujia/China News Service/VCG via Getty Images; kwa godimo mo mojeng: Ismail Sen/Anadolu Agency via Getty Images; kwa tlase mo mojeng: E+/taseffski/via Getty Images
NNANG LO DISITSE!
2023: Ngwaga wa Matlhotlhapelo—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
Dilo tse di ileng tsa direga mo ngwageng wa 2023 di bontsha gore re tshela “mo malatsing a bofelo” jaaka Baebele e tlhalosa. (2 Timotheo 3:1) Ela tlhoko gore dilo tse di diregang gone jaanong di tshwana jang le tse Baebele e boleletseng pele gore di tla direga.
Baebele le se se diragalang mo lefatsheng
“Dintwa le dipego tsa dintwa.”—Mathaio 24:6.
“Dintwa di a oketsega mo dikarolong tse dintsi mo lefatsheng.”a
Bona setlhogo se se reng “Ke Mang yo o Tla Sireletsang Batho ba e Seng Masole?” le se se reng “World Military Spending Surpasses $2 Trillion ka Seesemane.”
“Dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.”—Mareko 13:8.
“Fa e sa le ngwaga wa 2023 o simologa, go nnile le dithoromo tse di maatla thata tsa lefatshe di ka nna 13.”b
Bona setlhogo se se reng “Thoromo ya Lefatshe Kwa Turkey le Syria.”
“Ditshupo tse dikgolo.”—Luke 21:11.
“Go mogote thata go feta le e leng pele.”—António Guterres, motsamaisimogolo wa Lekgotla la Ditshaba Tse di Kopaneng.c
Bona setlhogo se se reng “Mogote o o Feteletseng mo Lefatsheng Lotlhe ka Selemo sa 2023.”
“Ditlhaelo tsa dijo.”—Mathaio 24:7.
“2023: Ngwaga o mongwe o go tla nnang thata gore batho ba tlamele ba malapa a bone.”d
Bona setlhogo se se reng “Go Tlhaela ga Dijo mo Lefatsheng Lotlhe mo go Bakiwang ke Ntwa le go Fetofetoga ga Maemo a Bosa.”
“Dinako tse di thata e bile di le kotsi.”—2 Timotheo 3:1.
“Mo lefatsheng lotlhe, motho a le mongwe mo go ba le robongwe o tshela ka bolwetse jwa tlhaloganyo.”e
Bona setlhogo se se reng “Basha ba le Bantsi ba Tlhasetswe ke Malwetse a Tlhaloganyo.”
Go tla diragala eng ka 2024?
Ga go na ope yo o itseng gore go tla diragala eng ka 2024. Mme gone dilo tse diregang mo lefatsheng di bontsha gore Bogosi jwa Modimo kgotsa puso ya gagwe e e kwa legodimong, e tla busa mo boemong jwa dipuso tsa batho mme e tla fedisa dilo tsotlhe tse di utlwisang batho botlhoko le tse di dirang gore ba tlhobaele.—Daniele 2:44; Tshenolo 21:4.
Fa re ntse re letetse seno gore se direge, re ka ikaega ka Modimo gore a re thuse. Baebele e a re:
“Fa ke boifa, ke a go ikanya.”—Pesalema 56:3.
O ka bontsha jang gore o ikanya Modimo? Re kopa gore o ithute mo go oketsegileng ka tsholofetso e e mo Baebeleng e e ka ga bokamoso jo bo se nang kutlobotlhoko. Ithute Baebele mahala le mongwe go bona gore wena le ba lelapa la gago lo ka solegelwa molemo jang ke ditsholofetso tse di mo Baebeleng.
a Foreign Affairs, “A World at War: What Is Behind the Global Explosion of Violent Conflict?” e e kwadilweng ke Emma Beals le Peter Salisbury, October 30, 2023.
b Earthquake News, “Year 2023: Number of Major Earthquakes on Course for Record,” May, 2023.
c United Nations, “Secretary-General’s Opening Remarks at Press Conference on Climate,” July 27, 2023.
d World Food Programme, “A Global Food Crisis.”
e World Health Organization, “World Mental Health Day 2023,” October 10, 2023.