LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 121
  • O ka Tshepa Mang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Tshepa Mang?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motho yo o ka mo tshepang
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Batho ga ba Tlhole ba Tshepa Baeteledipele ba Dipolotiki—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Jesu o Tla Fedisa Tshotlego
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 121
Ditshwantsho: Batho ba gantsi ba tsewang ba ikanyega: 1. Radipolotiki a eme fa pele ga maekerofouno. 2. Moruti a phuthile matsogo. 3. Moitsesaense a tshwere bukana.

Mo molemeng: Olena Yefremkina/stock.adobe.com; mo magareng: lunamarina/stock.adobe.com; mo mojeng: Rido/stock.adobe.com

NNANG LO DISITSE!

O ka Tshepa Mang?​—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?

Batho ba utlwa botlhoko fa ba swabisiwa ke batho ba ba ba tshepang. Bontsi ga bo sa tlhole bo tshepa . . .

  • boradipolotiki ba ba ikakanyetsang ba le bosi fela.

  • boradikgang ba ba begang dikgang tse di seng boammaaruri e bile ba se tekatekano.

  • baitsesaense ba ba sa direleng batho dilo tse di molemo.

  • baeteledipele ba bodumedi ba ba tshegetsang dipolotiki go na le gore ba emele Modimo.

Go a tlhokega gore re nne kelotlhoko ka gore re tshepa mang. Baebele e a re:

  • “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.”​—Pesalema 146:3, Baebele e e Boitshepo.

Motho yo o ka mo tshepang

Baebele e a re motho yo re ka mo tshepang ke Jesu Keresete. E ne e se fela monna yo o siameng yo o ileng a tshela bogologolo mme gape Modimo o ile a mo tlhoma go busa “e le Kgosi, mme Bogosi jwa gagwe ga bo kitla bo khutla.” (Luke 1:32, 33) Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, e leng puso e e setseng e busa kwa legodimong.​—Mathaio 6:10.

  • Go bona gore goreng o ka tshepa Jesu, bala setlhogo se se reng “Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo ke Mang?” le se se reng “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Eng?”

Buka e o ka e tshepang

Baebele e bua go le gontsi ka botshelo jwa ga Jesu le ka dilo tse dingwe tsa botlhokwa. Buka eno e e tlhomologileng e na le tshedimosetso e o ka e tshepang. Re go laletsa gore o ithute Baebele mahala e le gore o kgone go iponela seno. Fa o amogela taletso eno ya go ithuta Baebele, o tla newa dikgatiso tsotlhe tse o di tlhokang e bile go tla nna le motho yo o tla ithutang le wena. Mo godimo ga dilo tse o tla ithutang tsone, o tla ithuta ka Jesu, gore ke motho wa mofuta mang, gore o dirile eng, o dira eng gone jaanong le gore o tla dira eng mo nakong e e tlang.

Leka Thuto ya Baebele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela