LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 25
  • Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kagiso mo Lefatsheng—E Tla Tla Jang?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Go Fela ga Ntwa
    Tsogang!—1999
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kafa Kutlwano E Tla Tlang mo Lefatsheng ka Teng
    Tsogang!—1994
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 25
Batho ba ditso tse di farologaneng

Kagiso mo Lefatsheng​—E Tla Tla Jang?

Karabo ya Baebele

Kagiso mo lefatsheng ga e ne e tla ka ntlha ya matsapa a batho, mme e tla tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo, puso e e kwa legodimong e busiwa ke Keresete Jesu. Ela tlhoko kafa Baebele e re rutang ka teng ka tsholofelo eno e e molemo.

  1. Modimo o tla “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe,” a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla tlisa “kagiso mo lefatsheng mo bathong ba a ba amogelang!”​—Pesalema 46:9; Luke 2:14, Good News Translation.

  2. Bogosi jwa Modimo bo tla busa lefatshe lotlhe bo le kwa legodimong. (Daniele 7:14) E re ka bo tla bo bo busa lefatshe, bo tla fedisa bosetšhaba, jo e leng jone bo bakang dikgotlhang tse dintsi.

  3. Jesu, Mmusi wa Bogosi jwa Modimo, o bidiwa “Kgosana ya Kagiso,” mme o tla tlhomamisa gore ‘kagiso e se ka ya fela.’​—Isaia 9:6, 7.

  4. Batho ba ba ikemiseditseng go tswelela ba lwa ga ba kitla ba letlelelwa go tshela mo Bogosing ka gonne “moya wa [Modimo] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”​—Pesalema 11:5; Diane 2:22.

  5. Modimo o ruta babusiwa ba gagwe gore ba ka tshela jang ka kagiso. Baebele e bolela jaana e tlhalosa diphelelo tsa thuto eo: “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”​—Isaia 2:3, 4.

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba setse ba ithuta go nna ka kagiso ba rutiwa ke Modimo. (Mathaio 5:9) Le fa re le batho ba ditso tse dintsi tse di farologaneng e bile re nna mo dinageng di feta 230, re gana go tsaya dibetsa re ya go lwantsha bangwe ka rona.

Basupi ba ga Jehofa ba ithuta ditsela tsa kagiso gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela