LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 7
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
    Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
  • O Itse Eng ka Basupi ba ga Jehofa?
    Tsogang!—2016
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo go Jesu?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Gore ke Bone Fela ba ba Tla Bolokwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 7
Mosadi a ithuta Baebele

A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete?

Ee. Re Bakeresete ka mabaka a a latelang:

  • Re leka ka bojotlhe go latela dithuto le boitshwaro jwa ga Jesu Keresete.—1 Petere 2:21.

  • Re dumela gore Jesu ke ene a ka re thusang go bona poloko, gore “ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”—Ditiro 4:12.

  • Fa motho a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o kolobediwa mo leineng la ga Jesu.—Mathaio 28:18, 19.

  • Fa re rapela re rapela ka leina la ga Jesu.—Johane 15:16.

  • Re dumela gore Jesu ke Tlhogo, kgotsa yo o tlhomilweng go laola batho botlhe.—1 Bakorintha 11:3.

Le fa go ntse jalo, re farologana ka ditsela di le mmalwa le ditlhopha tse dingwe tse di bidiwang tsa Bokeresete. Ka sekai, re dumela gore Baebele e ruta gore Jesu ke Morwa Modimo, e seng gore ke karolo ya Tharonngwe. (Mareko 12:29) Re dumela gore moya wa motho o a swa, gore ga go na lebaka lepe la Dikwalo la go ruta gore Modimo o bogisa batho ka go ba fisa ka bosakhutleng mo diheleng, kgotsa gore ba ba etelelang pele mo ditirong tsa bodumedi ba tshwanetse go newa direto tse di ba tlotlomatsang go feta batho ba bangwe.—Moreri 9:5; Esekiele 18:4; Mathaio 23:8-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela