Basupi ba ga Jehofa ba Tshwara Jang Batho Ba e Sa Tlholeng e le Maloko a Bodumedi Jwa Bone?
Re leka ka natla go bontsha batho botlhe lorato, bopelonomi le tlotlo. Fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a sa tlhole a le matlhagatlhaga mo kobamelong jaaka pele kgotsa a tlogetse gotlhelele, re bua le ene mme re mmontsha gore re a mo rata re bo re leka go mo thusa go boa a atamalana le Modimo gape.—Luke 15:4-7.
Mo maemong mangwe, motho a ka dira sengwe se se ka felelang ka gore a tlosiwe mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:13) Le fa go ntse jalo, e re ka re rata modumedimmogo le rona, re leka ka natla go mo thusa gore a se ka a tlosiwa. Le fa gone a ka tlosiwa, re sa ntse re mo tshwara ka tsela e e lorato le ka tlotlo, fela jaaka Baebele e re kgothaletsa go dira.—Mareko 12:31; 1 Petere 2:17.
Ke eng se se ka bakang gore motho a feleletse a tlositswe mo phuthegong?
Baebele e bontsha gore fa Mokeresete a dirile boleo jo bo masisi mme a gana go fetoga, o tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong.a (1 Bakorintha 5:11-13) Baebele e bontsha sentle gore ke maleo afe a a masisi a a ka dirang gore motho a tlosiwe mo phuthegong. Ka sekai, e umaka maleo a a jaaka boaka, botagwa, go bolaya, go sotla ba bangwe mo lelapeng le go utswa.—1 Bakorintha 6:9, 10; Bagalatia 5:19-21; 1 Timotheo 1:9, 10.
Fa motho a dirile boleo jo bo masisi, seno ga se reye gore o tlosiwa mo phuthegong ka yone nako eo. Bagolwaneb mo phuthegong ba leka pele go mo thusa go fetola tsela e a itshwarang ka yone. (Baroma 2:4) Ba leka ka natla go fitlhelela pelo ya gagwe ka bonolo le ka bopelonomi. (Bagalatia 6:1) Fa ba dira jalo, seno se ka mo thusa go lemoga maleo a gagwe le go ikwatlhaya. (2 Timotheo 2:24-26) Le fa go ntse jalo, fa bagolwane ba lekile go mo thusa ka makgetlho a le mantsi, a bo a tswelela a sa ikobele melao ya Modimo e e mo Baebeleng e bile a sa ikwatlhaye, o tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong. Go tswa foo bagolwane ba tla itsise phuthego gore motho yoo ga e sa tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa.
Bagolwane ba leka ka natla go fitlhelela pelo ya motho yo o tlotseng molao wa Modimo ba le bonolo, e bile gape ba le pelonomi
Matswela a go tlosa motho yo o sa batleng go fetoga ke afe? Matswela mangwe ke gore phuthego e tswelela e ikobela melao ya Modimo ya boitsholo, e bile motho yoo ga a na go tlhotlheletsa phuthego ka tsela e e sa siamang. (1 Bakorintha 5:6; 15:33; 1 Petere 1:16) Mo godimo ga moo, fa motho a tlosiwa, seo se ka mo tlhotlheletsa gore a tlogele go dira se se sa siamang le gore a leke ka natla go fetoga.—Bahebera 12:11.
Basupi ba ga Jehofa ba tshwara jang batho ba ba tlositsweng mo phuthegong?
Baebele e a re Bakeresete ba “tlogele go dirisana” le motho yo o tlositsweng mo phuthegong, e bile ba ‘se ka ba ja le motho yo o ntseng jalo.’ (1 Bakorintha 5:11) Ka jalo ga re tsalane le motho yo o tlositsweng mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore re a mo tila gotlhelele mme go na le moo, re mmontsha tlotlo. O letleletswe go ya dipokanong mme fa a le koo Basupi ba ga Jehofa ba ka tlhopha go mo dumedisa.c Gape a ka kopa bagolwane gore ba mo thuse go boela mo phuthegong.
Batho ba ba tlositsweng mo phuthegong ba letleletswe go tla dipokanong tsa rona
Go tweng fa motho yo o tlositsweng mo phuthegong a na le molekane le bana ba bannye ba e leng Basupi ba ga Jehofa? Le fa ba sa tlhole ba obamela Jehofa mmogo, seo ga se reye gore ga e sa tlhole e le lelapa. E re ka ba nna mo ntlong e le nngwe, kamano ya gagwe le molekane wa gagwe le bana ga e fetoge mme ba tswelela ba bontshana lorato.
Motho yo o tlositsweng a ka kopa bagolwane gore ba mo etele, mme fa ba mo etetse ba ka mo naya kgakololo e e lorato e e tswang mo Baebeleng, e bile ba ka mo kgothatsa gore a boele kwa Modimong. (Sekarea 1:3) Fa motho yoo a tlogela go dira dilo tse di sa siamang, e bile a bontsha gore o batla go tshela ka molao wa Modimo o o mo Baebeleng, o gololesegile go boela mo phuthegong. Phuthego e tla mo “itshwarela ka pelo yotlhe le go mo gomotsa,” fela jaaka Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba dira fa motho yo o neng a leofile a fetola ditsela tsa gagwe.—2 Bakorintha 2:6-8.
Ba ba neng ba tlositswe mo nakong e e fetileng ba ikutlwa jang gone jaanong?
A re utlweng se se buiwang ke Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tlositswe mo phuthegong mme morago ba bo ba boela kwa Modimong.
“Fa ke ne ke batla go boela mo phuthegong, ke ne ke akanya gore bagolwane ba tla batla go itse sengwe le sengwe se ke neng ke se dira fa ke ne ke tlositswe. Go na le moo, ba ne ba re, ‘Re batla gore o tlhome mogopolo mo go se o tla se dirang gone jaanong go ya pele.’ Morago ga gore ba bue jalo, ke ne ka ikutlwa ke phuthologile.”—Maria, United States.
“Batho ba ba mo phuthegong ba ne ba itumetse tota fa ke ne ke boela mo phuthegong. Ke ne ke ikutlwa ke le motho wa botlhokwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba nthusitse go lemoga gore Jehofa o intshwaretse le gore le bone ba intshwaretse, mme ke tlogele go nna ke akanya ka se se diragetseng. Bagolwane ba ne ba nkeme nôkeng ka metlha e bile ba ne ba nthusa go nonotsha botsala jwa me le Jehofa gape. Ba ne ba nkgomotsa le go nthusa gore ke bone gore Jehofa o sa ntse a ntsaya ke le botlhokwa le gore o a nthata.”—Malcom, Sierra Leone.
“Ke itumedisiwa ke go itse gore Jehofa o rata batho ba gagwe thata, mo e leng gore o netefatsa gore phuthego ya gagwe e tswelela e na le boitsholo jo bo phepa. Le fa batho ba bangwe ba ka akanya gore go tlosa motho yo o sa ikobeleng melao ya Modimo mo phuthegong go setlhogo, go dira jalo go a tlhokega e bile seo tota se bontsha lorato. Ke lebogela go bo Rre wa rona yo o kwa legodimong e le Modimo yo o lorato le yo o itshwarelang.”—Sandi, United States.
a Mo nakong e e fetileng re ne re re moleofi yo o sa ikwatlhayeng o kgaotswe. Mme gone jaanong re dirisa mafoko a a fitlhelwang mo Baebeleng e leng go tlosiwa mo phuthegong.
b Bagolwane ke banna ba Bakeresete ba ba ikanyegang mme ba na le maitemogelo. Banna bano ba ruta go tswa mo dikwalong, e bile ba disa batho ba ga Jehofa ka go ba thusa le go ba kgothatsa. Ga ba duelelwe tiro e ba e dirang.—1 Petere 5:1-3.
c Mo maemong mangwe, motho a ka tlogela phuthego a bo a leka go nyatsa dithulaganyo tsa phuthego kgotsa go tlhotlheletsa ba bangwe ba ba mo phuthegong go dira se se sa siamang. Fa seno se direga, re latela taelo e e mo Baebeleng ya gore re se ka ra “dumedisa” motho yoo.—2 Johane 9-11.