LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 9
  • A Modimo O na Le Leina?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo O na Le Leina?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A4 Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 9
Leina la Modimo ka Sehebera

A Modimo O na Le Leina?

Karabo ya Baebele

Batho botlhe ba na le maina. A go ne go ka se utlwale gore Modimo le ene a nne le leina? Go nna le maina le go bitsana ka one ke selo sa botlhokwa thata mo kamanong ya batho ya botsala. A ga go a tshwanela ga nna jalo le ka kamano ya rona le Modimo?

Mo Baebeleng, Modimo a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:8) Le fa a na le direto di le dintsi, tse di jaaka “Modimo Mothatayotlhe,” “Morena Molaodimogolo,” le “Mmopi,” o naya baobamedi ba gagwe seriti ka go ba kopa gore ba mmitse ka leinatota la gagwe.​—Genesise 17:1; Ditiro 4:24; 1 Petere 4:19.

Dithanolo di le dintsi tsa Baebele di na le leina la mmatota la Modimo mo go Ekesodo 6:3. Temana eno ya re: “Ke ne ke tle ke bonale kwa go Aborahame, Isake le Jakobe ke le Modimo Mothatayotlhe, mme ka ga leina la me Jehofa ga ke a ka ka ba ikitsise.”

Jehofa ke tsela e leina la Modimo le bidiwang ka yone ka Setswana e e sa bolong go dirisiwa ka dingwagangwaga. Le fa bakanoki bangwe ba rata go peleta leina leno ka go re “Yahweh,” Jehofa ke tsela e batho ba bantsi ba tlwaetseng go bitsa leina leno ka yone. Karolo ya ntlha ya Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, e leng puo e ditlhaka tsa yone di kwalwang go tloga kafa mojeng go ya kafa molemeng. Mo puong eno, leina la modimo le tlhaga le kwadilwe ka ditumammogo di le nne e leng יהוה. Ditlhaka tseo tsa Sehebera​—fa di ranotswe ke YHWH—​di bidiwa Tetragrammaton.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela