LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 6
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Goreng batsadi ba me ba nna ba gana?
  • Nka dira eng gore batsadi ba me ba dumele?
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke Eng Fa Batsadi Ba Me Ba sa Batle Gore ke Ijese Monate?
    Tsogang!—2011
  • Ke Direng fa Batsadi Ba me Ba Omana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 6
Mosha o bua le batsadi ba gagwe. Go tlhagelela ditshwantsho tsa se a buang ka sone, go tlhaga video-game, basha ba bina kwa moletlong le skateboard. Batsadi ba gagwe ba phuthile diatla ba sosobantse difatlhego.

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?

Ditsala tsa gago di go laletsa gore o tle go ijesa monate le bone mo mafelobekeng ano. O kopa batsadi tetla ya go tsamaya mme ba a gana. Ga o gakgamale ka gonne labofelo fa o ba kopa ba ile ba gana.

Mo setlhogong seno:

  • Goreng batsadi ba me ba nna ba gana?

  • Nka dira eng gore batsadi ba me ba dumele?

  • Se balekane ba gago ba se buang

Goreng batsadi ba me ba nna ba gana?

Fa go lebega e kete batsadi ba gago ba nna fela ba gana fa o ba kopa go dira sengwe, seo se ka dira gore o akanye gore ga ba batle o ijesa monate.

Mosha mongwe yo o bidiwang Marie o ne a ikutlwa jalo lekgetlho la ntlha fa a nna le founo. Marie a re: “Le fa gone ditsala tsa me di ne di kgona go dira sengwe le sengwe fela se di se batlang, papa ene o ne mpeela melao e mentsi. O ne a beile molao wa gore ke tsenye di-app dife, gore ke bue le bomang le gore nka bua le bone go fitlha nako mang.”

Akanya ka seno: A rraagwe Marie o ne a mo thibela go ja monate? Ke eng gape se a ka tswang a ne a tshwenyegile ka sone?

Koloi mo tseleng. Go na le letshwao fa thoko ga tsela. Go na le setshwantsho se se bontshang gore koloi e tsamaya ka lobelo lo lo kae.

Fela jaaka molao wa tsela o ka thibela kgololesego ya rona ka tsela nngwe mme gone o re sireletsa, molao wa batsadi o ntse fela jalo

Leka seno: A re re o motsadi mme ngwana wa gago o sa tswa go nna le founo. O ne o tla tshwenyega ka eng? O ne o tla beela ngwana wa gago melao efe go mo sireletsa? O ne o tla reng fa ngwana wa gago a re ga o batle a ijesa monate?

“Papa o ne a tle a re, ‘Leka go itsenya mo ditlhakong tsa me.’ Go dira seo go ne go nthusa go lemoga botlhokwa jwa melao e a neng a e baya le mabaka a go e baya. Fa nkabo ke na le bana le nna ke ne ke tla lebelela gore ba dire se papa a reng ke se dire.”​—Tanya.

Nka dira eng gore batsadi ba me ba dumele?

Mosimane o phuthile diatla, o tswa mosi mo ditsebeng.

O se ka wa dira seno: O se ka wa ngala, wa ngongorega kgotsa wa nganga.

Mosimane o phuthile diatla, o tswa mosi mo ditsebeng.

“Ga o na go fitlhelela sepe ka go omana mme wena le batsadi ba gago lo tla ikutlwa lo lapile morago ga seno. Fa o ngangisana le batsadi ba gago ba tla tsaya gore o tletse bongwana le gore ga o ise o tshwanelwe ke go newa kgololosego e e oketsegileng.”​—Richard.

Leka seno: O se ke wa itlhaganelela go ba araba. Go na le moo, leka go leba dilo jaaka batsadi ba gago. A mme gone bothata ke gore ga ba go tshepe, kgotsa gongwe ga ba tshepe lefelo le o batlang go ya kwa go lone kana batho ba o batlang go tsamaya le bone? Goreng o sa bue le bone o ritibetse gore o kgone go utlwa mabaka a bone?

Lobone.

Kakantsho: Fa o bua le batsadi ba gago, netefatsa gore o na le dikarabo tse di utlwalang tsa dipotso tsa bone. Tota le fa batsadi ba gago ba ka gana, lo tla tlhaloganyana.

“Melao e bewa ka mabaka a a utlwalang. Ga se gore batsadi ba me ga ba batle gore ke ijese monate mme ba batla gore ke dire jalo ka tsela e e se kitlang e nkutlwisa botlhoko.”​—Ivy.

Molaomotheo wa Baebele: “Motho yo o sematla o ntsha bogale jwa gagwe jotlhe, mme yo o botlhale o a ritibala a bo a bo thibela.”​—Diane 29:11.

Mosetsana wa mosha o amogela le go romela melaetsa, e bile o dirisa internet bosigo.

O se ka wa dira seno: O se ka wa dira dilo batsadi ba sa itse.

Mosetsana wa mosha o amogela le go romela melaetsa, e bile o dirisa internet bosigo.

“Ke ile ka leka go tlola melao e papa a neng a mpeetse yone ya go dirisa founo. Ke ile ka batla ditsela tsa go romelela ditsala tsa me melaetsa bosigo le go tsenya di-app tse papa a neng a sa ntetle go nna le tsone. Fa nako e ntse e ya, o ne a lemoga se ke neng ke se dira mme a bo a gagamatsa melao ka gonne a sa tlhole a ntshepa. Ga go botlhale go leka go tlola melao e e beilweng.”​—Marie.

Leka seno: Bontsha batsadi a gago gore o ka kgona go ikobela melao ya bone le gore ba ka kgona go go tshepa.

Lobone.

Kakantsho: Fa batsadi ba gago ba go botsa dipotso (“Go tla bo go na le bomang?” “O tlile go boa nako mang?”), bua nnete mme o ba fe dikarabo tse di tlhamaletseng. Fa o ba naya dikarabo tse di sa utlwaleng, seo ga se na go dira gore ba go tshepe!

“Nna pelotelele. Go ka tsaya nakonyana pele batsadi ba gago ba fetola melao mengwe mme fa ba bona gore o ikobela melao ya bone, ba ka go naya kgololesego e e oketsegileng.”​—Melinda.

Molaomotheo wa Baebele: “Utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe.”​—Bakolosa 3:20.

Mosimane wa mosha o a kopa. Go tlhagelela ditshwantsho tsa se a buang ka sone tse di bontshang basha ba bararo.

O se ka wa dira seno: O se ka wa leka go pateletsa batsadi ba gago go go letla go dira sengwe, gongwe ka go ba bolelela se bana ba bangwe ba letleletsweng go se dira.

Mosimane wa mosha o a kopa. Go tlhagelela ditshwantsho tsa se a buang ka sone tse di bontshang basha ba bararo.

“Fa o leka go ba pateletsa, seo se ka se go direle dilo motlhofo kgotsa sa dira gore ba go neye se o se batlang.”​—Natalie.

Leka seno: Dirisa porojeke ya “Go Akanya ka Melao” go go thusa go tlotla le batsadi ba gago ka kgang eno.

Lobone.

Kakantsho: Bua le batsadi ba gago fa ba iketlile, e seng fa ba tswa tirong kgotsa ba tshwaregile ka dilo dingwe.

“Batsadi ba batla go bona gore a o kgona go dira ditshwetso tse di siameng. Fa ke bua le batsadi ba me, ke leka go ba neela mabaka a a utlwalang go na le go tseega maikutlo. Gantsi fa ke dira jalo, batsadi ba me ba ntetla go dira se ke se kopang.”​—Joseph.

Molaomotheo wa Baebele: “Tlotla rrago le mmago.”​—Baefeso 6:2.

Se Balekane ba Gago ba se Buang

  • Isabella.

    “Ke ithutile gore melao e dira gore dilo di tsamaye sentle mo lelapeng. Boammaaruri ke gore melao e a re sireletsa. Fa go lebega e kete melao e gagametse mo lelapeng, ke ka gonne go na le maemo a batsadi ba tshwenyegileng ka one.”​—Isabella.

  • Michael.

    “Ke akanya gore basha ba ba godisitsweng ka melao, ba nna bagolo ba ba botoka go na le ba ba godileng ba sa beelwe melao. Fa re batla go itumelela botshelo re tlhoka go beelwa melelwane. Melelwane eo e re thusa go nna le maikarabelo le gore re se ka ra lebana le ditlamorago tse di sa siamang.”​—Michael.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela