LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 39
  • A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Kalafi Efe?
    Tsogang!—2001
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Amogela Thuso ya Tsa Kalafi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?
    Tsogang!—2000
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Amogela Kalafi ya Bongaka?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 39

A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?

Karabo ya Baebele

Ee. Jesu o ne a umaka gore balatedi ba gagwe ba ka batla kalafi ya bongaka fa a ne a re “batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.” (Mathaio 9:12) Tota le fa Baebele e se buka ya bongaka, e na le melaometheo e e ka kaelang batho ba ba batlang go itumedisa Modimo.

Dipotso tse o ka di ipotsang

1. A ke tlhaloganya kalafi e ke tla e fiwang? Baebele e re gakolola gore re batle tshedimosetso e e ka ikanngwang go na le go “dumela lefoko lengwe le lengwe.”​—Diane 14:15.

2. A ke tshwanetse go kopa kgakololo ya dingaka tse di farologaneng ka kalafi nngwe pele ga ke dira tshwetso? “Bagakolodi ba bantsi” ba ka nna mosola, segolobogolo fa bolwetse jwa gago bo le masisi.​—Diane 15:22.

3. A kalafi eno e tla dira gore ke tlole molao wa Modimo wa gore re “ithibe . . . mo mading”?​—Ditiro 15:20.

4. A kalafi eno e amana le bodimona? Baebele e kgala “go dirisana le meya.” (Bagalatia 5:19-21) Go bona gore a kalafi e amana le tirisano le meya, sekaseka dipotso tse di jaaka tseno:

  • A ngaka e dirisa mekgwa mengwe ya go dirisana le meya mo kalafing?

  • A o newa kalafi eo ka gonne go dumelwa gore o lwatswa ke badimo kgotsa ka gonne o loilwe?

  • A melemo e e dirisiwang mo kalafing eo e akaretsa go ntshiwa ga ditlhabelo, go dirisiwa ga ditaola kgotsa dingwao dingwe tsa go dirisana le meya?

5. A ke tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa me? Baebele e gakolola jaana: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go nna tekatekano go tla go thusa gore o tlhome mogopolo mo ‘dilong tse di botlhokwa thata’ tse di jaaka go dirisa nako ya gago o direla Jehofa.​—Bafilipi 1:10; Mathaio 5:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela