LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 54
  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Goreng Jesu a Ile a Swa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Boleo Jwa Ntlha ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 54

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa?

Karabo ya Baebele

Ke ga tlholego go botsa gore ke ka ntlha yang fa batho ba swa, segolobogolo fa mongwe yo re atamalaneng le ene a swa. Baebele ya re: “Lobolela lo lo bakang loso ke boleo.”​—1 Bakorintha 15:56.

Ke ka ntlha yang fa batho botlhe ba leofile e bile ba swa?

Batho ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba latlhegelwa ke matshelo a bone ka gonne ba ne ba leofetse Modimo. (Genesise 3:17-19) Go tsuologela Modimo ga bone go ne go tla felela ka loso ka gonne Modimo ke ene a nang le “motswedi wa botshelo.”​—Pesalema 36:9; Genesise 2:17.

Adame o ne a fetisetsa diphelelo tsa boleo mo baneng ba gagwe botlhe. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Batho botlhe ba swa ka go bo botlhe ba leofile.​—Baroma 3:23.

Kafa loso lo tla fedisiwang ka teng

Modimo o solofetsa gore go tla nna le nako e ka yone ‘a tla kometsang loso ka bosaengkae.’ (Isaia 25:8) Gore a fedise loso, o tshwanetse go tlosa selo se se lo bakang, e leng boleo. Modimo o tla dira seno a dirisa Jesu Keresete, yo o “tlosang boleo jwa lefatshe.”​—Johane 1:29; 1 Johane 1:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela