LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 19
  • Ke Eng fa ke Itshegaka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa ke Itshegaka?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go itshegaka ke eng?
  • Ke eng fa batho ba go dira?
  • Fa o na le bothata jono, o ka bo tlogela jang?
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Ikgobatsa?
    Tsogang!—2006
  • Lebaka La go Bo ke Tlogetse Tiro ya Madi a Mantsi
    Tsogang!—2010
  • Nka Dira Jang Gore ke Tlogele go Ikgobatsa?
    Tsogang!—2006
  • Fa Ngwana wa Gago wa Mosha a Ikgobatsa
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 19

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng fa ke Itshegaka?

  • Go itshegaka ke eng?

  • Ke eng fa batho ba go dira?

  • Fa o na le bothata jono, o ka bo tlogela jang?

  • Potsolotso

  • Dipotso tse o ka akanyang ka tsone

  • Tayari ya me ya ditemana

Go itshegaka ke eng?

Go itshegaka ke mokgwa wa go nnela go ikgobatsa ka sengwe se se bogale. Ke mofuta mongwe fela wa go ikgobatsa. E mengwe e akaretsa go iphisa, go itira matsadi le go ititaya. Setlhogo seno se bua ka go itshegaka, mme melaometheo e go tlotliwang ka yone mo go sone e ka dirisiwa mo mefuteng yotlhe ya go ikgobatsa.

Bona gore o itse go le kana kang: Boammaaruri kgotsa Maaka.

  1. Basetsana ke bone fela ba itshegakang.

  2. Go itshegaka go kgatlhanong le taelo ya Baebele e e mo go Lefitiko 19:28, e e reng: “Lo se ka lwa itshegaka nama.”

Dikarabo tse di siameng:

  1. Maaka. Le fa bothata jono bo lebega bo tlwaelegile thata mo basetsaneng, basimane bangwe le bone ba a itshegaka kgotsa ba ikgobatsa ka ditsela tse dingwe.

  2. Maaka. Lefitiko 19:28 e bua ka ngwaokobamelo ya bogologolo ya seheitane, e seng mokgwa wa go nnela go ikgobatsa o go tlotliwang ka one mo setlhogong seno. Le fa go ntse jalo, go a utlwala go swetsa ka gore, Mmopi wa rona yo o lorato ga a batle gore re ikgobatse.—1 Bakorintha 6:12; 2 Bakorintha 7:1; 1 Johane 4:8.

Ke eng fa batho ba go dira?

Bona gore o itse go le kana kang: Ke polelo efe e o akanyang gore ke yone e e boammaaruri thata?

Batho ba itshegaka . . .

  1. ka gonne ba leka go lepalepana le tlalelo ya mo maikutlong.

  2. ka gonne ba leka go ipolaya.

Karabo e e siameng: A. Bontsi jwa batho ba ba itshegakang ga ba batle go swa. Ba batla fela go fedisa tlalelo ya bone.

Ela tlhoko se basha bangwe ba se buileng ka mokgwa wa bone wa go itshegaka.

Celia: “Go ne go dira gore ke ikutlwe ke imologile.”

Tamara: “Mokgwa ono e ne e le botshabelo jwa me. Go utlwa botlhoko mo mmeleng go ne go le botoka go na le go utlwa botlhoko mo maikutlong.”

Carrie: “Ke ne ke tlhoile go hutsafala. Go itshega go ne go dira gore ke se ka ka akanya thata ka khutsafalo ya me mme ke akanye ka botlhoko jo ke neng ke bo utlwa mo mmeleng.”

Jerrine: “Nako le nako fa ke ne ke itshega, ke ne ke lebala ka sengwe le sengwe mo botshelong jwa me, mme ke ne ke akanya gore nka se tlhoke go rarabolola mathata a me. Ke ne ke rata phetogo eo.”

Fa o na le bothata jono, o ka bo tlogela jang?

Go rapela Jehofa Modimo e ka nna kgato ya botlhokwa e e ka go thusang go lwela go bo tlogela. Baebele ya re: “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”​—1 Petere 5:7.

Kakantsho: Simolola ka go dira dithapelo tse dikhutshwane, gongwe o bolelela Jehofa fela o re, “Ke tlhoka thuso.” Fa nako e ntse e tsamaya o tla kgona go phuthuloga le go tshololela “Modimo wa kgomotso yotlhe” maikutlo a gago.​—2 Bakorintha 1:3, 4.

Thapelo ga se selo sa go ritibatsa maikutlo ka nakwana fela. Ke puisano ya mmatota le Rrago yo o kwa legodimong, yo o solofetsang jaana: “Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”​—Isaia 41:10.

Batho ba le bantsi ba ba kileng ba nna le bothata jwa go itshegaka, le bone ba ile ba gomodiwa ke go bua le motsadi wa bone kana mongwe fela yo o godileng yo ba mo tshepang. Bona dikakgelo tseno tse di tswang kwa basheng bangwe ba le bararo ba ba dirileng fela jalo.

Potsolotso

  • Diana, 21

  • Kathy, 15

  • Lorena, 17

O ne o na le dingwaga tse kae fa o simolola go itshegaka?

Lorena: Ke simolotse ke na le dingwaga di ka nna 14.

Diana: Ke ne ke na le dingwaga di le 18. Ke ne ke a tle ke itshegake letsatsi le letsatsi mo bekeng kana tse pedi mme morago ga moo ke bo ke fetsa kgwedi ke sa go dire gotlhelele.

Kathy: Ke simolotse ke na le dingwaga di le 14. Ke sa ntse ke a tle ke boele mo mokgweng ono.

Ke eng fa o ne o batla go ikgobatsa?

Kathy: Ke ne ke na le maikutlo a go se ithate. Ke ne ke akanya gore ga go na ope yo o ka ratang go nna tsala ya me.

Diana: Ka dinako tse dingwe ke ne ke hutsafala, go tswa foo ke bo ke ngomoga pelo mme morago ga moo ke bo ke tlalelwa. Ke ne ke tlalelwa thata jaana mo ke neng ke felela ke fekeediwa ke maikutlo. E ne e kete ke na le sebatana se segolo mo teng ga me, mme go ne go ntse jaaka e kete ke tlhoka go itshegaka gore se tswe.

Lorena: Ke ne ke a tle ke tshwenyege thata mo maikutlong kgotsa ke galefe kgotsa ke ikutlwe ke kotlomane pelo fela. Ke ne ke a tle ke ikutlwe ke le leswe mme ke ne ke batla go ntsha leswe leo lotlhe mo maikutlong a me. Ka dinako dingwe ke ne ke a tle ke ikutlwe ke tshwanelwa ke go utlwa botlhoko jalo mo mmeleng.

A go ikgobatsa go ne go dira gore o ikutlwe botoka?

Diana: Ee. Ke ne ke ikutlwa ke imologile fa ke sena go dira jalo, go ntse jaaka e kete morwalo o tlositswe mo go nna.

Kathy: E kete ke mofuta o mongwe wa go lela. Fa ke fetsa go itshegaka ke ne ke ikutlwa ke le botoka fela jaaka batho bangwe ba ikutlwa fa ba fetsa go kgapha selelo.

Lorena: Go ikgobatsa go ne go tshwana le go phunya leroba le lennye mo balunung e e tletseng maikutlo a a sa siamang a ke nang le one. E ne e sa thubege; go na le moo e ne e dutla fela e ntsha maikutlo a a sa siamang ka iketlo.

A o ne o tshaba go bolelela mongwe ka se o se dirang?

Lorena: Ee. Ke ne ke tshaba gore batho ba tla akanya gore ke dira dilo tse di tshosang. Gape ke ne ke sa batle batho ba itse ka dilo tse di diregang mo botshelong jwa me.

Diana: Batho ba ne ba tlhola ba mpolelela gore ba ntsaya ke le motho yo o kgonang go itshokela mathata, mme ke ne ke batla gore ba tswelele ba akanya fela jalo. Ke ne ke tsaya gore go kopa thuso go ne go tla kaya gore ke paletswe.

Kathy: Ke ne ke tshaba gore batho ba tla akanya gore ke tlhakatlhakane maikutlo, e leng selo se se neng se tla dira gore ke inyatse le go feta. Mo godimo ga moo, ke ne ke akanya gore ke tshwanelwa ke se ke neng ke se itira.

O thusitswe ke eng go tlogela go itshegaka?

Lorena: Ke ne ka bolelela mmè gore ke ntse ke dirang. Gape ke ne ka thusiwa ke ngaka e e neng ya nthusa gore ke laole maikutlo a a sa siamang. Ke ne ka boela mokgwa ono makgetlho a se kae, mme ke ne ka thusiwa ke go tokafatsa thulaganyo ya me ya go ithuta Baebele ka metlha. Gape ke nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete. Gongwe ke tla tshwanelwa ke go nna ke lwantshana le maikutlo a go ikutlwa ke se na mosola mme fa a tla, ke leka go dira gore a se ka a mphekeetsa.

Kathy: Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo mogolo mo go nna ka dingwaga di ka nna lesome o ne a lemoga gore go na le sengwe se se phoso, mme kgabagare ke ne ka mmulela mafatlha. Ke ile ka gakgamadiwa ke go itse gore le ene o ne a kile a nna le bothata jwa go itshegaka. Ga ke a ka ka ikutlwa ke sa phuthologa go bua le ene ka gonne le ene o ne a kile a lebana le bothata jo bo tshwanang le jwa me. Gape ke ne ka thusiwa ke ngaka nngwe e e neng ya thusa nna le batsadi ba me go tlhaloganya se se neng se ntiragalela.

Diana: Maitseboa mangwe ke ne ke etetse banyalani bangwe ba ke ba tshepang, mme monna o ne a lemoga gore ke na le bothata. O ne a nkopa ka bonolo gore ke ba bolelele gore go rileng. Mosadi wa gagwe o ne a ntlaparela mo matsogong a gagwe fela jaaka mmè a ne a tle a dire fa ke ne ke le monnye. Ke ne ka simolola go lela, mme le ene o ile a lela. Go ne go se motlhofo go ba bolelela gore ke ne ke ntse ke itirang, mme ke itumelela go bo ke ba boleletse.

Baebele e go thusitse jang?

Diana: Baebele e nthusitse go lemoga gore ke ka se kgone go lwantsha bothata jono ke le nosi. Ke tlhoka thuso ya ga Jehofa Modimo.​—Diane 3:5, 6.

Kathy: Go bala Baebele​—le go itse gore molaetsa wa yone o tswa kwa Modimong—​go nkgomotsa fela thata!​—2 Timotheo 3:16.

Lorena: Fa ke bona ditemana tse di nkamang, ke di kwala mo bukeng gore ke akanye ka tsone moragonyana.​—1 Timotheo 4:15.

A go na le temana nngwe e e rileng e e go thusitseng?

Diana: Diane 18:1 ya re: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” Ka dinako dingwe go boima go nna mo gare ga batho mme temana eno e nthusa go lemoga gore go itlhaola go kotsi.

Kathy: Ditemana tse pedi tsa Baebele tse ke di ratang ke Mathaio 10:29 le 31, mo Jesu a ileng a re tota le thaga ga e ke e swa Jehofa Modimo a sa itse ka yone. Mme o ne a tswelela ka go re: “Se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” Le gone jaanong fa ke bala mafoko ano, a nkgopotsa gore ke botlhokwa mo go Jehofa.

Lorena: Ke anaanela fela thata mafoko a a mo go Isaia 41:9, 10, mo Jehofa a rayang batho ba gagwe a re: “Ga ke a go gana. O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ke tla go thatafatsa.” Fa ke akanya ka sengwe se se thatafaditsweng, ke akanya ka sengwe se o ka se kgoneng go tsenelela mo go sone, kago e e agilweng ka matlapa. Temana eno e a nnonotsha, e dira gore ke itse gore Jehofa o a nthata le gore o tla nna a na le nna ka metlha.

Dipotso tse o ka akanyang ka tsone

  • Fa o setse o iketleeditse go kopa thuso, o ka tshololela mang mafatlha?

  • Fa o rapela Jehofa Modimo o ka mo raya wa reng ka kgang eno?

  • A o ka akanya ka mekgwa e mebedi (e e sa akaretseng go ikgobatsa) e o ka e dirisang go tlosa kgatelelo ya maikutlo le go tlhobaela?

Tayari ya me ya ditemana

Kakantsho: Fa o bona mafoko mangwe mo Baebeleng a a go tlhomamisetsang gore Jehofa o a go rata kgotsa a a ka go thusang gore o itebe ka tsela e e tekatekano le go leba makoa a gago ka tekatekano, kwala temana eo mo tayaring. Kwala seele se le sengwe kgotsa di le pedi go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa temana eo e le botlhokwa mo go wena. Go go thusa go simolola, fa tlase fano go na le ditemana tse di thusitseng Diana, Kathy le Lorena.

  • Baroma 8:38, 39

    “Ditemana tseno di mpontsha gore Jehofa o a nthata, le fa ke ikutlwa e kete dilo di senyegela go ya pele.”​—Diana.

  • Pesalema 73:23

    “Ditemana tse di tshwanang le eno, di ntlhomamisetsa gore ga ke nosi. Go ntse jaaka e kete Jehofa o fela fa thoko ga me.”​—Kathy.

  • 1 Petere 5:10

    “Mathata a rona a ka nna a se fele ka gangwe fela; re ka nna ra boga ‘ka lobakanyana.’ Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, Jehofa a ka re nonotsha gore re itshokele sengwe le sengwe.”​—Lorena.

Ditemana tse dingwe tse o ka akanyang ka tsone

  • Pesalema 34:18

  • Pesalema 54:4

  • Pesalema 55:22

  • Isaia 57:15

  • Mathaio 11:28, 29

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela