LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 74
  • Bokao Jwa 666 ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bokao Jwa 666 ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Go Tlhalosa Sebatana sa Naga le Letshwao la Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • 666—Ga se Malepa Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Sebatana sa Naga sa Ditlhogo Tse Supa sa Tshenolo Kgaolo 13 ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 74
Sebatana 666 se tswa mo lewatleng

Bokao Jwa 666 ke Eng?

Karabo ya Baebele

Go ya ka buka ya bofelo ya Baebele, 666 ke palo kgotsa leina la sebatana sa naga se se tswang mo lewatleng, se se nang le ditlhogo di le supa le dinaka di le lesome. (Tshenolo 13:1, 17, 18) Sebatana seno se tshwantshetsa tsamaiso ya bopolotiki ya lefatshe lotlhe, e e laolang “lotso longwe le longwe le batho le teme le setšhaba.” (Tshenolo 13:7) Go ya ka Modimo, leina 666 le supa fa tsamaiso eno ya bopolotiki e tlhaela fela thata. Ka tsela efe?

Ga se letshwao fela. Maina a Modimo a a nayang batho a na le bokao. Ka sekai, Modimo o ne a naya Aberame, mo go rayang “Rara o Kwa Godimo (O Tlotlomaditswe)” leina Aborahame le le rayang “Rra Boidiidi (Bontsintsi),” fa a ne a mo solofetsa gore o tla mo dira “rra boidiidi jwa ditšhaba.” (Genesise 17:5, ntlha e e kwa tlase mo go NW) Ka tsela e e tshwanang, Modimo o file sebatana seno leina 666 e le letshwao le le tlhalosang dinonofo tsa sone.

Palo thataro e kaya go sa itekanela. Gantsi mo Baebeleng dipalo di dirisiwa go tshwantshetsa sengwe. Palo supa e emela go felela kgotsa go itekanela. Palo thataro, e re ka e tlhaela ka nngwe go nna supa, e kaya sengwe se se sa felelang kgotsa se se sa itumediseng mo matlhong a Modimo e bile e ka amanngwa le baba ba Modimo.​—1 Ditiragalo 20:6; Daniele 3:1.

Gararo go gatelela. Ka dinako dingwe Baebele e gatelela kgang ka go e boeletsa gararo. (Tshenolo 4:8; 8:13) Ka jalo leina 666 le gatelela thata gore Modimo o leba ditsamaiso tsa bopolotiki di tlhaela fela thata. Di paletswe ke go tlisa kagiso e e nnelang ruri le pabalesego​—dilo tse Bogosi jwa Modimo e leng jone fela bo tla di tlisang.

Letshwao la sebatana

Baebele ya re batho ba amogela “letshwao la sebatana” ka gonne ba sala sebatana morago “ka kgatlhego,” mo ba bileng ba se obamela. (Tshenolo 13:3, 4; 16:2) Ba dira jalo ka go tlotlomatsa naga ya bone, matshwao a naga kgotsa maatla a yone a sesole. Fela jaaka The Encyclopedia of Religion e bolela: “Gompieno bosetšhaba e setse e le bodumedi jo bogolo tota mo lefatsheng.”a

Letshwao la sebatana le nna jang mo seatleng sa mongwe sa moja kgotsa mo phatleng? (Tshenolo 13:16) Modimo o ne a bua jaana malebana le ditaelo tse a di fileng setšhaba sa Iseraele: “Lo a bofelele jaaka sesupo mo seatleng sa lona, mme a nne moitlamo wa phatla fa gare ga matlho a lona.” (Duteronome 11:18) Seno se ne se sa reye gore Baiseraele ba tshwaye diatla le diphatla tsa bone, mme go ne go raya gore mafoko a Modimo a ne a tla kaela ditiro tsotlhe tsa bone le megopolo ya bone. Ka tsela e e tshwanang, go na le gore 666 e nne letshwao la mmatota le le kwadilweng mo mmeleng, letshwao leno la sebatana le tshwantshetsa batho ba ba letlang tsamaiso ya bopolotiki go laola matshelo a bone. Ba ba nang le letshwao la sebatana ba kgatlhanong le Modimo.​—Tshenolo 14:9, 10; 19:19-21.

a Bona le Nationalism in a Global Era, tsebe 134; le Nationalism and the Mind: Essays on Modern Culture, tsebe 94.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela