LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 90
  • A go A Tlhokega Gore o Nne Leloko la Kereke Nngwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go A Tlhokega Gore o Nne Leloko la Kereke Nngwe?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Bodumedi
    Tsogang!—2014
  • Go Nna mo Bodumeding jo bo Itshekileng Gore o Falole
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A o Tlhoka go Nna Leloko la Bodumedi jo bo Rulagantsweng?
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 90
Setlhopha sa batho se kopane go tla go obamela Modimo

A go A Tlhokega Gore o Nne Leloko la Kereke Nngwe?

Karabo ya Baebele

Ee, ka gore Modimo o batla batho ba kopana mmogo go tla go mo obamela. Baebele ya re: “Mme a re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.”​—Bahebera 10:24,​25.

Jesu o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba tla nna setlhopha se se rulaganeng fa a ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla kgona go bontsha lorato lono segolobogolo fa ba na le badumedimmogo ka bone. Ba ne ba tla rulaganngwa ka diphuthego tse di kopanang ka metlha go tla go obamela Modimo. (1 Bakorintha 16:19) Diphuthego tseno fa di kopanngwa, di dira phuthego e le nngwe ya lefatshe lotlhe.​—1 Petere 2:17.

Ga se kgang ya go nna leloko la bodumedi fela

Le fa gone Baebele e re batho ba tshwanetse go kopana mmogo go tla go obamela Modimo, ga e rute gore motho o ka itumedisa Modimo ka go nna leloko la kereke nngwe fela. Gore motho a amogelwe ke Modimo, bodumedi bo tshwanetse go laola tsela e a tshelang ka yone. Ka sekai Baebele ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”​—Jakobe 1:27.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela