LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 91
  • Ke Eng Fa go Na le Dikereke Tse Dintsi Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa go Na le Dikereke Tse Dintsi Jaana?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Go Rla Diragala Eng ka Bokeresete?
    Tsogang!—2007
  • A Bokeresete bo Paletswe?
    Tsogang!—2007
  • Bakeresete ba Boammaaruri ke Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A o Tshwanetse wa Tlhatlhoba Ditumelo Tse Dingwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 91
Dikereke tse di farologaneng tsa Bokeresete

Ke Eng Fa go Na le Dikereke Tse Dintsi Jaana?

Karabo ya Baebele

Batho ba dirisitse dithuto tsa ga Jesu go simolola dikereke tse dintsi tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore go na le setlhopha se le sengwe fela sa Bakeresete ba boammaaruri. Bona mabaka a le mararo a go bo re rialo.

  1. Jesu o ne a ruta “boammaaruri” e bile Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba bitsa bodumedi jwa bone ba re ke “boammaaruri.” (Johane 8:32; 2 Petere 2:2; 2 Johane 4; 3 Johane 3) Seno se raya gore batho ba ba rutang dithuto tse di ganetsanang le tsa ga Jesu, ga se Bakeresete tota.

  2. Baebele ya re Bakeresete botlhe ba “bue ka tumalano.” (1 Bakorintha 1:10) Le fa go ntse jalo, dikereke tse dintsi tsa Bokeresete di a ganetsana, tota le ka dilo tse di motlhofo jaaka gore go nna Mokeresete go kaya eng. Ga go na gore dikereke tseo tsotlhe di ka ruta boammaaruri.​—1 Petere 2:21.

  3. Jesu o ne a porofeta gore batho ba le bantsi ba tla ipolelela gore ke Bakeresete mme gone ba sa ikobele ditaelo tsa gagwe, le fa go ntse jalo a re batho ba go nna jalo o tla ba itatola. (Mathaio 7:21-23; Luke 6:46) Batho bangwe ba tsiediwa ke baruti ba ba sokamisang boammaaruri gore ba kgone go dira se ba se ratang. (Mathaio 7:15) Ba bangwe bone ba rata dikereke tse di rutang maaka ka gore di ba bolelela se ba batlang go se utlwa go na le go ba ruta boammaaruri jwa Baebele.​—2 Timotheo 4:3, 4.

Jesu o ne a porofeta a dirisa setshwantsho sa korong le mofero gore Bakeresete ba le bantsi ba tla tsuologa go nna batlhanogi. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Go ne go tla tsaya lobaka lo loleele go se na ope yo o kgonang go farologanya Bakeresete ba maaka le ba boammaaruri. Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, fa baaposetoloi ba sena go swa batlhanogi ba ne ba ntsifala thata. (Ditiro 20:29, 30) Le fa dithuto tsa batlhanogi di farologana, boammaaruri ke gore botlhe “ba fapogile mo boammaaruring.”​—2 Timotheo 2:18.

Gape Jesu o ne a porofeta gore kgabagare go ne go tla nna motlhofo go farologanya Bakeresete ba boammaaruri mo go ba maaka. Seno se diragala mo motlheng o re tshelang mo go one e leng “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.”​—Mathaio 13:30, 39.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela