LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 45
  • Nka Kgona Jang go Itshokela Masetlapelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Kgona Jang go Itshokela Masetlapelo?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • REBEKAH
  • CORDELL
  • Dilo Tse Nnè Tse o Tshwanetseng go di Itse ka Tlhalo
    Tsogang!—2010
  • Ke Dire Eng fa Batsadi Ba me Ba Tlhalana?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Ile ka Nna le Kagiso le Modimo Mmogo le Mmè
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Fa Ngwana a Hutsafetse
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 45
Mosimane o ntse gaufi le setshwantsho sa lelapa la gaabo mme o bua le monna yo o tshwereng Baebele

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Kgona Jang go Itshokela Masetlapelo?

Mongwe le mongwe a ka welwa ke masetlapelo. Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa.” “Ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Seno se akaretsa le basha ba ba ileng ba lebana le masetlapelo. Ba ile ba kgona jang go emelana le one? Ela tlhoko dikai tseno tse pedi.

  • REBEKAH

  • CORDELL

REBEKAH

Rebekah

Batsadi ba me ba ile ba tlhalana fa ke ne ke na le dingwaga di le 14.

Ke ile ka ipolelela gore batsadi ba me ga ba tlhalane ke fela gore rre o ne a tlhoka nako ya go ikakanya. O ne a rata mmè, ka jalo, o ne a ka mo tlogela jang? O ne a se kitla a ntlogela.

Ke ne ke sa kgone go bolelela ope ka se se neng se ntiragalela. Ke ne ke sa batle go akanya ka gone. Ke ne ke galefile le fa gone ka nako eo ke ne ke sa lemoge. Ke ile ka simolola go tlhobaela mme ka nna le mathata a go robala.

Fa ke ne ke le dingwaga di le 19, mmè o ne a bolawa ke kankere. E ne e le tsala ya me ya tlhogo ya kgomo.

Ke ne ke gamaregile tota fa batsadi ba me ba tlhalana mme gone fa mmè a tlhokafala, ke ne ka utlwa botlhoko thata. Ga ke ise ke lebale le gompieno. Ke sa ntse ke sa kgone robala e bile ke sa ntse ke tlhobaela thata.

Mme go na le dilo tse di nthusang thata. Ka sekai, Diane 18:1 e re tlhagisa gore re se ka ra itlhaola, ka jalo, ke leka go latela kgakololo eo.

E re ka ke le Mosupi wa ga Jehofa, ke leka go bala dikgatiso tsa Baebele tse di kgothatsang. Buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang​—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo e ile ya nthusa thata ka nako ya fa batsadi ba me ba ne ba tlhalana. Ke gopola ke bala setlhogo se se reng, “A Nka Itumela Le fa Ke Nna mo Lelapeng la Motsadi yo o Esi?” mo Bolumo 2 ya buka eo.

Dingwe tsa ditemana tse ke di ratang thata tse di nthusitseng go lebana le ditlhobaelo, ke Mathaio 6:25-34. Jesu o botsa jaana mo temana 27: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubitaa e le nngwe?”

Dilo tse di bosula di diragalela mongwe le mongwe mme ke ithutile mo go mmè gore tsela e re itshwarang ka yone fa re lebana le diteko, e botlhokwa thata. O ile a diragalelwa ke dilo tse dintsi​—go tlhalwa le go tsenwa ke bolwetse jo bo kotsi​—le fa go ntse jalo, o ne a sa nnele go akanya thata ka tsone e bile tumelo ya gagwe mo Modimong e ne ya nna e nonofile go fitlha a tlhokafala. Ga nkitla ke tsamaya ke lebala dilo tse a di nthutileng ka Jehofa.

Se o ka akanyang ka sone: Go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go ka go thusa jang go lebana le masetlapelo?​—Pesalema 94:19.

CORDELL

Cordell

Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka bona fa rre a tlhokafala. Eo e ne e tiragalo e ke se kitlang ke e lebala. Ke ne ke utlwile botlhoko thata.

Ke ne ke sa batle go dumela gore rre o tlhokafetse, gore motho yo ke neng ke bona setopo sa gagwe se phuthetswe ka letsela, ke rre. ‘Ke ne ka ipolelela gore o tla tsoga kamoso.’ Ke ne ke ikutlwa ke latlhegetswe.

Nna le ba lelapa la gaetsho re Basupi ba ga Jehofa, ka jalo, phuthego ya rona e ile ya re ema nokeng thata fa rre a sena go tlhokafala. Ba ile ba re tlamela ka dijo, ba ithaopela go tla go nna le rona mme ba re ema nokeng ka lobaka lo loleele. Se ba neng ba se dira, se ne sa mpontsha gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri.​—Johane 13:35.

Lekwalo la 2 Bakorintha 4:17, 18 le ile la nkgothatsa thata. La re: “Le fa pitlagano e le ya nakwana e bile e le motlhofo, e re bakela kgalalelo ya bokete jo bogolo thata e bile e le e e sa khutleng; re ntse re tlhomile matlho a rona, e seng mo dilong tse di bonwang, mme mo dilong tse di sa bonweng. Gonne dilo tse di bonwang ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.”

Temana eo e maatla tota. Go boga ga ga rre e ne e le ga nakwana fela mme ditsholofetso tsa Modimo ka isagwe di nnela ruri. Loso lwa ga rre lo ne lwa nnaya tshono ya go sekaseka kafa ke dirisang botshelo jwa me ka gone e bile le ile la nthusa go ipeela mekgele e mesha.

Se o ka akanyang ka sone: Masetlapelo a ka go thusa jang gore o sekaseke mekgele e o e ipeetseng yone mo botshelong?​—1 Johane 2:17.

a Kubita e lekana le disentimetara di ka nna 45.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela