LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 94
  • Babelona yo Mogolo ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Babelona yo Mogolo ke Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Modimo o leba jang Babelona yo Mogolo?
  • Go tla diragala eng ka Babelona yo Mogolo?
  • Go Bona Gore “Babelona o Mogolo” ke Mang
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Babelona o Mogolo—O Ole Ebile o Atlhotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Go Senngwa ga Motse o Mogolo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 94
Babelona yo Mogolo o tshwantshiwa le seaka se apere mmala o o phepole le bohibidu, se tlamparela kgosi. Kwa morago, moeteledipele wa bodumedi o rwesa kgosi serwalo.

Babelona yo Mogolo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Baebele e tlhalosa gore ke “mosadi” e bile ke “seaka se segolo” le gore o na le leina le le “sa itsiweng: ‘Babelona yo Mogolo.’” (Tshenolo 17:1, 3, 5) Mosadi yono o emela madumedi otlhe a maaka a lefatshe a a ‘fetolang boammaaruri jwa Modimo go bo dira maaka.’a (Baroma 1:25) Le fa madumedi ano otlhe a sa dire dilo ka go tshwana, ka tsela nngwe a dira gore batho ba katoge Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa.​—Duteronome 4:35.

O ka lemoga Babelona yo Mogolo jang

  1. Babelona yo Mogolo o tshwantshetsa sengwe. Buka ya Tshenolo e kwadilwe “ka ditshupo,” ka jalo go a utlwala go swetsa ka gore Babelona yo Mogolo ga se mosadi wa mmatota mme o tshwantshetsa sengwe. (Tshenolo 1:1) Mo godimo ga moo, o ‘ntse mo metsing a mantsi’ a a emelang “merafe le boidiidi jwa batho le ditšhaba le dipuo tse di farologaneng.” (Tshenolo 17:1, 15) Mosadi wa mmatota a ka se kgone go dira jalo.

  2. Babelona yo Mogolo o emela mokgatlho wa lefatshe lotlhe. O bidiwa “motse o mogolo o o laolang dikgosi tsa lefatshe.” (Tshenolo 17:18) Ka jalo, o na le tlhotlheletso mo lefatsheng lotlhe.

  3. Babelona yo Mogolo ke mokgatlho wa bodumedi, e seng wa sepolotiki kgotsa wa kgwebo. Bogologolo Babelona e ne e itsege e le motse o o ratang bodumedi thata, o o dirisang “maselamose” le “boloi.” (Isaia 47:1, 12, 13; Jeremia 50:1, 2, 38) Tota e bile banni ba koo ba ne ba dumela mo madumeding a maaka e bile ba ganetsa Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa. (Genesise 10:8, 9; 11:2-4, 8) Babusi ba Babelona ba ne ba ikgogomosetsa Jehofa le kobamelo ya gagwe. (Isaia 14:4, 13, 14; Daniele 5:2-4, 23) Ka tsela e e tshwanang, Babelona yo Mogolo o itsege ka go “dirisana le badimo.” Seno se bontsha gore ke mokgatlho wa bodumedi.​—Tshenolo 18:23.

    Babelona yo Mogolo ga e ka ke ya nna mokgatlho wa sepolotiki ka gonne “dikgosi tsa lefatshe” di tla mo lelela fa a senngwa. (Tshenolo 17:1, 2; 18:9) Gape ga se mokgatlho wa kgwebo ka gonne Baebele e mo farologanya le “bagwebi ba lefatshe.”​—Tshenolo 18:11, 15.

  4. Setshwantsho se tserwe ke ba musiamo wa Britain

    Letlapa le gabilwe setshwantsho sa kgosi ya Bababelona Kgosi Nabonidus le matshwao a mararo a medimo e e bidiwang Sin, Ishtar le Shamash

  5. Go a tshwanela gore go twe Babelona yo Mogolo ke bodumedi jwa maaka. Go na le go ruta batho gore ba atamalane le Modimo wa boammaaruri, e bong Jehofa, bodumedi jwa maaka bo dira gore ba obamele medimo ya maaka. Baebele e a re go dira jalo ke go dira “boaka le medimo.” (Lefitiko 20:6; Ekesodo 34:15, 16) Madumedi a maaka a le mantsi a tswelela a ruta dithuto tse di simologileng kwa Babelona, go akaretsa thuto ya gore Modimo ke Rara, ke Morwa e bile ke Moya o o Boitshepo, thuto ya gore moya ga o swe le go dirisa ditshwantsho mo kobamelong. Madumedi ano a tswakanya kobamelo ya bone le go rata lefatshe. Baebele e bitsa go tlhoka go ikanyega gono e re ke kgokafalo ya semoya.​—Jakobe 4:4.

    Madumedi a maaka a humile e bile a ipelafatsa ka dikhumo tsa one mme seno se dumalana le tsela e Baebele e tlhalosang Babelona yo Mogolo ka gone, gore o “apere seaparo se se phepole le se sehibidu” e bile o “kgabile ka gauta le maje a a tlhwatlhwakgolo le diperela.” (Tshenolo 17:4) Babelona yo Mogolo ke motswedi wa dilo tse di “ferosang sebete tsa lefatshe” kgotsa ke motswedi wa dithuto le ditiro tse di sa tlotlomatseng Modimo. (Tshenolo 17:5) Maloko a bodumedi jwa maaka ke “boidiidi jwa batho le ditšhaba le dipuo tse di farologaneng” tse di emang Babelona yo Mogolo nokeng.​—Tshenolo 17:15

Babelona yo Mogolo o ikarabelela ka dintsho tsa “botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng.” (Tshenolo 18:24) Ke kgale bodumedi jwa maaka bo tlhotlheletsa dintwa le borukutlhi, mo godimo ga moo, bo paletswe ke go ruta batho boammaaruri ka Jehofa, Modimo yo o lorato. (1 Johane 4:8) Seno se dirile gore go bolawe batho ba le bantsi.

Ditshwantsho: Dikago tsa kobamelo di dikaganyeditswe ke tsela e bodumedi jwa maaka bo emang nokeng dintwa ka gone. 1. Dintwa tse di tlhotlhelediwang ke bodumedi. 2. Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe. 3. Moruti wa kereke o segofatsa lesole. 4. Moruti wa Moafrika o tlhotlheletsa ntwa ya semorafe. 5. Masole a Japane a obamela moeteledipele.

Modimo o leba jang Babelona yo Mogolo?

Mo matlhong a Modimo, maleo a Babelona yo Mogolo “a mantsintsi mo e bileng a fitlha kwa legodimong.” (Tshenolo 18:4, 5) Modimo o galefetse madumedi a maaka ka gonne a mo senya leina e bile ga a tshware maloko a one sentle.

Go tla diragala eng ka Babelona yo Mogolo?

Baebele e a re “Modimo o mo atlhotse.” (Tshenolo 18:20) Baebele e dirisa puo ya tshwantshetso fa e bolelela pele gore Modimo o tlile go senya bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:8) O tla tlhotlheletsa sebatana se sehibidu​—se se emelang polotiki e e maatla—​go tlhanogela bodumedi jwa maaka le go bo senya gotlhelele. (Tshenolo 17:16, 17) “Babelona, motse o mogolo, o tla latlhelwa kwa tlase jalo ka bonako, mme ga a kitla a tlhola a bonwa gape.” (Tshenolo 18:21) Ka jalo ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go ‘tswa mo gare ga bone,’ mme ba ikgaoganye le bodumedi jwa maaka.​—2 Bakorintha 6:14-17.

a Bona setlhogo se se reng “Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela