LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 98
  • Baebele ya Reng ka Bojalwa? A go Bo Nwa ke Boleo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya Reng ka Bojalwa? A go Bo Nwa ke Boleo?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Modimo o Leba Bojalwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Leba Bojalwa Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 98
Setshwantsho sa monna a minolosa lebotlolo

Baebele ya Reng ka Bojalwa? A go Bo Nwa ke Boleo?

Karabo ya Baebele

Ga se boleo go nwa bojalwa ka selekanyo se se siameng. Baebele e tlhalosa beine e le mpho e e tswang kwa Modimong e e ka dirang gore motho a itumelele botshelo. (Pesalema 104:14, 15; Moreri 3:13; 9:7) Gape Baebele e dumalana le gore beine e na le mosola mo go alafeng.​—1 Timotheo 5:23.

Jesu o ile a nwa beine fa a le mo lefatsheng. (Mathaio 26:29; Luke 7:34) Kgakgamatso nngwe ya ga Jesu e e itsegeng thata ke ya fa a ne a bontsha bopelotshweu ka go fetola metsi go nna beine kwa moketeng wa lenyalo.​—Johane 2:1-10.

Dikotsi tsa go nwa phetelela

Le fa gone Baebele e umaka melemo ya beine, e kgala botagwa le go nwa bobe. Ka jalo, Mokeresete yo o itlhophelang go nwa bojalwa, o dira jalo ka selekanyo se se siameng. (1 Timotheo 3:8; Tito 2:2, 3) Baebele e ntsha mabaka a le mmalwa a go tila go nwa bojalwa phetelela.

  • Bo dira gore motho a se ka a akanya sentle. (Diane 23:29-35) Motho yo o tagilweng a ka se kgone go ikobela taelo ya Baebele e e reng, “lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.”​—Baroma 12:1.

  • Go nwa phetelela go ‘tlosa boitlhomo jo bo molemo’ e bile go dira gore motho a palelewe ke go ikgapa.​—Hosea 4:11; Baefeso 5:18.

  • Bo ka dira gore motho a humanege e bile bo ka baka malwetse a a masisi.​—Diane 23:21, 31, 32.

  • Go tagwa le go nwa phetelela ga go itumedise Modimo.​—Diane 23:20; Bagalatia 5:19-21.

Fa go twe motho o nole phetelela, ke fa a nole go le go kae?

Motho o a bo a nole bojalwa phetelela fa go nwa goo go tsenya botshelo jwa gagwe kgotsa jwa ba bangwe mo kotsing. Fa Baebele e tlhalosa motho yo o tagilweng ga e re ke fa a idibetse, mme ya re ke fa a tlhakane tlhogo, a thethekela, a le dingalo kgotsa a bua a goloketsa. (Jobe 12:25; Pesalema 107:27; Diane 23:29, 30, 33) Tota le ba ba tilang go tagwa ba santse ba ka “imelwa ke . . . go nwa bobe” ba bo ba lebana le diphelelo tse di botlhoko.​—Luke 21:34, 35.

Go sa nwe bojalwa gotlhelele

Gape Baebele e tlhalosa dinako tse mo go tsone Mokeresete a tshwanetseng go tila go nwa bojalwa gotlhelele:

  • Fa e le gore ba bangwe ba tla kgopisega.​—Baroma 14:21.

  • Fa e le gore bojalwa ga bo letlelelwe mo nageng e o leng mo go yone.​—Baroma 13:1.

  • Fa motho a sa kgone go laola tsela e a nwang ka yone. Ba ba nang le bothata jwa go nwa phetelela ba tshwanetse go lwantsha bothata joo ba tiisitse mooko.​—Mathaio 5:29, 30.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela