LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 69
  • Goreng ke Tshwanetse go Rapela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng ke Tshwanetse go Rapela?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo ke eng?
  • A Modimo o reetsa dithapelo?
  • Nka rapelela eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 69
Mosetsana o dutse fa thoko ga letšha

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go Rapela?

Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng, basha ba ba ka nnang diperesente di le 80 kwa Amerika ba a rapela, mme ke halofo ya bone fela ba ba rapelang letsatsi le letsatsi. Gongwe bangwe ba bone ba ipotsa gore: ‘A thapelo ke sengwe se se dirang gore motho a ikutlwe botoka fela kgotsa ke sengwe se se fetang seo?’

  • Thapelo ke eng?

  • A Modimo o reetsa dithapelo?

  • Nka rapelela eng?

  • Se balekane ba gago ba se buang

Thapelo ke eng?

Thapelo ke go buisana le Mmopi wa dilo tsotlhe. Akanya fela gore seo se kaya eng! Jehofa o kwa godimo ga batho ka ditsela tsotlhe fela, le fa go ntse jalo, ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Ditiro 17:27) Tota e bile, Baebele e na le taletso eno e e kgatlhang: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”​—Jakobe 4:8

O ka atamalana le Modimo jang?

  • Tsela nngwe ke ka thapelo​—ke yone tsela e o buang le Modimo ka yone.

  • Tsela e nngwe ke ka go ithuta Baebele​—Ke yone tsela e Modimo a “buang” le wena ka yone.

Mokgwa ono wa puisano​—go rapela le go ithuta Baebele—​o tla go thusa gore o nne le botsala jo bo nonofileng le Modimo.

“Go bua le Jehofa​—go tlotla le Mogodimodimo​—ke nngwe ya ditshiamelo tse dikgolo thata tse batho ba ka nnang le tsone.”​—Jeremy.

“Go tshololela Jehofa maikutlo a me ka thapelo go dira gore ke ikutlwe ke atamalane thata le ene.”​—Miranda.

A Modimo o reetsa dithapelo?

Tota le fa o dumela mo Modimong​—e bile o nna o mo rapela—​go ka nna thata go amogela gore o a go reetsa fa o rapela. Mme gone, Baebele e bitsa Jehofa e re ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Tota e bile e go kgothaletsa gore ‘o latlhele tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene.’ Ka ntlha yang? ‘Ka gonne o a go kgathalela.’​—1 Petere 5:7.

Se o ka akanyang ka sone: A o ipha nako ya go bua ka metlha le ditsala tsa gago tse o atamalaneng thata le tsone? O ka dira jalo le ka Modimo. Bua le ene ka metlha ka go mo rapela mme o dire jalo o dirisa leina la gagwe e bong Jehofa. (Pesalema 86:5-7; 88:9) Tota Baebele e go kgothaletsa gore o ‘rapele o sa kgaotse.’​—1 Bathesalonika 5:17.

“Thapelo ke tsela e ke buisang ka yone le Rre wa me yo o kwa legodimong, ke nako e ke mo tshololelang maikutlo ka yone.”​—Moises.

“Ke bua le Jehofa ka dilo tse di kwa teng, fela jaaka nka bua le mama kgotsa le tsala e ke atamalaneng thata le yone.”​—Karen.

Nka rapelela eng?

Baebele ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”​—Bafilipi 4:6.

A seo se raya gore go siame go rapela ka mathata a o nang le one? Ee! Tota e bile, Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”​—Pesalema 55:22.

Mme gone, fa o rapela Modimo, ga o a tshwanela go bua ka mathata a gago fela. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Chantelle a re: “Tota ke tla bo ke se tsala e e siameng fa ke bua fela le Jehofa ke mo kopa thuso. Ke akanya gore ke tshwanetse go simolola pele ka go mo leboga, mme dilo tse ke di lebogelang e tshwanetse go nna tsone tse dintsi.”

Se o ka akanyang ka sone: Ke dilo dife mo botshelong tse o di lebogelang? A o ka akanya ka dilo tse tharo tse o ka lebogang Jehofa ka tsone gompieno?

“Tota le dilo tse dinnye tse di jaaka go bona lelomo le lentle, di ka go tlhotlheletsa gore o rapele Jehofa mme o mo leboge.”​—Anita.

“Akanya ka sengwe se Modimo a se bopileng se se go kgatlhang thata kgotsa ka temana nngwe ya Baebele e o e ratang thata, mme o bo o leboga Jehofa ka ntlha ya sone.”​—Brian.

Se balekane ba gago ba se buang

Moises

“Dithapelo tsa rona di tshwanetse go nna boteng jaaka lewatle, e seng jaaka khutinyana fela e e emang metsi. Jehofa o batla go re thusa, le fa gone a itse se re se tlhokang le pele ga re mo kopa, re ka bontsha gore re a mo ikanya ka go mo rapela ka pelo yotlhe.”​—Moises.

Miranda

“Thapelo e tshwana le mogala o Jehofa a o tshwereng ka fa ntlheng e nngwe mme nna ke o tshwere ka fa go e nngwe . Fa ke rapela ka sengwe se se ntshwenyang, go ntse jaaka e kete ke gagamatsa mogala o ke o tshwereng mme Jehofa le ene o a o goga, mme seno se dira gore kamano ya rona e nonofe.”​—Miranda.

Jeremy

“Fa re se kelotlhoko, dithapelo tsa rona e ka nna lenaane fela la dilo tse re di rapelelang. Mme fa re leboga Jehofa, re kgona go lebogela dilo tse dintsi tse a re fileng tsone e bile ga re kitla re rapelela dilo tse re di tlhokang fela.”​—Jeremy.

Shelby

“Fa re nna re leboga Jehofa, re tla nna batho ba ba anaanelang. Go leboga Jehofa mo thapelong go re thusa go tlhoma mogopolo mo masegong a re a amogelang go na le mo mathateng a re nnang le one.”​—Shelby.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela