LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 136
  • A Marea ke Mmaagwe Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Marea ke Mmaagwe Modimo?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Obamela Mmopi, Eseng Dibopiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Thuto ya Maaka 5: Marea ke Mmaagwe Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 136
Marea a na le losea Jesu

A Marea ke Mmaagwe Modimo?

Karabo ya Baebele

Nnyaa, Baebele ga e re Marea ke mmaagwe Modimo e bile ga e kgothaletse Bakeresete gore ba mo obamele kgotsa ba mo tseele kwa godimo.a Seo ke ka gonne:

  • Marea ga a ise a tsamaye a re ke mmaagwe Modimo. Baebele ya re Marea o ile a tshola “Morwa Mogodimodimo” e seng Modimo ka sebele.​—Mareko 1:1; Luke 1:32.

  • Jesu Keresete ga a ise a tsamaye a re Marea ke mmaagwe Modimo kgotsa gore o ne a tshwanetse go tlotlomadiwa ka tsela nngwe. Nako nngwe mosadi mongwe o ne a tlotlomatsa Marea go bo e le mmaagwe Jesu mme Jesu o ile a raya mosadi yoo a re: “Nnyaa, go na le moo, go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”​—Luke 11:27, 28.

  • Mafoko a a reng “Mmaagwe Modimo” le “Theotokos” ga a yo mo Baebeleng.

  • Mafoko a a reng “Kgosigadi ya Magodimo” a a mo Baebeleng ga a bue ka Marea go na le moo a bua ka modimo wa maaka o Baiseraele ba neng ba mo obamela. (Jeremia 44:15-19) Mafoko ano a ka tswa a ne a bua ka modimo wa mosadi wa kwa Babelona yo o bidiwang Ishtar (Astarte).

  • Bakeresete ba ntlhantlha ba ne ba sa obamele Marea e bile ba ne ba sa mo tseele kwa godimo. Rahisitori mongwe a re Bakeresete “ba ne ba ka se ka ba tseela Marea kwa godimo kgotsa go mo tlotlomatsa ka gonne seo se ne se tla tshwana le go obamela modimo wa maaka.”​—In Quest of the Jewish Mary.

  • Baebele ya re Modimo ga a na tshimologo le fa e le bokhutlo. (Pesalema 90:1, 2; Isaia 40:28) Seo se raya gore ga a na mama. Gape Marea o ne a ka se kgone go tshola Modimo mo popelong ya gagwe ka gonne Baebele ya re le magodimo ka boone ga a lekane Modimo.​—1 Dikgosi 8:27.

Marea e ne e le Mmaagwe Jesu e seng “Mmaagwe Modimo”

Marea e ne e le Mojuda e bile o ne a tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Luke 3:23-31) Modimo o ne a mo rata ka gonne o ne a na le tumelo e bile a ineetse mo Modimong. (Luke 1:28) Modimo o ile a mo tlhopha gore a nne mmaagwe Jesu. (Luke 1:31, 35) Marea le Josefa ba ile ba nna le bana ba bangwe.​—Mareko 6:3.

Le fa Baebele e re Marea o ile a nna mongwe wa balatedi ba ga Jesu, ga e tlhalose tshedimosetso e nngwe gape ka ene.​—Ditiro 1:14.

Goreng batho bangwe ba akanya gore Marea ke mmaagwe Modimo?

Go bonala batho ba ile ba simolola go obamela Marea go tloga ka dingwaga tsa bo400. Ka nako eo, Kereke ya Katoliki e ne e le yone e tumileng thata mo pusong ya Roma. Mme seo se ile sa dira gore batho ba bantsi ba ba neng ba obamela medimo ya maaka ba simolole go nna Bakeresete. Gape kereke e ile ya simolola go ruta batho gore go na le modimo rara, modimo morwa le modimo moya o o boitshepo.

Seo se ile sa dira gore batho ba bantsi ba kereke eo ba dumele gore fa Jesu e le Modimo, go raya gore Marea ke mmaagwe Modimo. Ka ngwaga wa 431, khansele ya kereke kwa Efeso e ile ya bolela semmuso gore Marea ke “Mmaagwe Modimo.” Morago ga moo, batho ba ile ba simolola go tseela Marea kwa godimo. Mme fa batho ba ba obamelang medimo ya maaka ba ntse ba tsena mo kerekeng, ba ile ba simolola go dira ditshwantsho tsa ga Marea mme ba tlogela go dirisa ditshwantsho tsa medimo ya bone e e jaaka Artemis (yo Baroma ba mmitsang Diana) le Isis.

Ka ngwaga wa 432, Mopapa Sixtus III o ile a laela gore go agiwe kereke kwa Roma e le go tlotlomatsa “Mmaagwe Modimo.” E ile ya agiwa gaufi le tempele ya bogologolo e e neng e agetswe modimo wa Roma yo o bidiwang Lucina. Mokwadi mongwe o ile a tlhalosa kereke eo a re ke “sesupo sa kafa batho ba ileng ba tlogela medingwana ya bone ba bo ba simolola go obamela Marea morago ga gore Baroma ba fetoge go nna Bakeresete.”​—Mary—The Complete Resource.

a Dikereke tse dintsi di ruta batho gore Marea ke mmaagwe Modimo. Di mmitsa “Kgosigadi ya kwa Legodimong” kgotsa di dirisa lefoko la Segerika Theotokos le le kayang “Mmaagwe Modimo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela