LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 140
  • Jesu o re Boloka Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o re Boloka Jang?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Seo re Tshwanetseng go se Dira Gore re Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Gore ke Bone Fela ba ba Tla Bolokwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Re Tshwanetse go Dirang Gore re Bolokwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Baebele e Ruta Gore Motho yo o Pholositsweng ga a Tlhole a Tlhoka go Pholosiwa Gape?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 140
Jesu o dikologilwe ke batho ba ditso tse di farologaneng

Jesu o re Boloka Jang?

Karabo ya Baebele

Jesu o ile a boloka batho ba ba siameng fa a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. (Mathaio 20:28) Ke ka moo Baebele e mmitsang “Mmoloki wa lefatshe.” (1 Johane 4:14) Gape Baebele ya re: “Ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.”​—Ditiro 4:12.

Jesu o ile a swela mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene. (Bahebera 2:9; Johane 3:16) “Modimo o ne a mo tsosa mo baswing” le go mmusetsa kwa legodimong. (Ditiro 3:15) Jesu o kgona “go boloka ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela gore a tle a ba rapelele.”​—Bahebera 7:25.

Goreng re tlhoka gore Jesu a re buelele mo Modimong?

Rotlhe re baleofi. (Baroma 3:23) Boleo bo re kgaoganya le Modimo e bile bo dira gore re feleletse re swa. (Baroma 6:23) Jesu ke mmueledi wa batho botlhe ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe. (1 Johane 2:1) O ba buelela mo Modimong ka gonne o mo kopa gore a reetse dithapelo tsa bone le go itshwarela maleo a bone a dirisa setlhabelo sa gagwe. (Mathaio 1:21; Baroma 8:34) Modimo o reetsa Jesu ka gonne dilo tse a di kopang di tsamaisana le thato ya gagwe. Modimo o ile a romela Jesu mo lefatsheng gore “lefatshe le bolokwe ka ene.”​—Johane 3:17.

A go dumela mo go Jesu ke gone fela go ka dirang gore re bolokwe?

Nnyaa. Le fa go dumela mo go Jesu go le botlhokwa, ga se sone fela selo se re tshwanetseng go se dira gore re bolokwe. (Ditiro 16:30, 31) Baebele ya re: “Jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Fa re batla go bolokwa, re tshwanetse:

  • Go ithuta ka Jesu le Rraagwe e bong Jehofa.​—Johane 17:3.

  • Go dumela mo go bone.​—Johane 12:44; 14:1.

  • Go bontsha gore re na le tumelo ka go reetsa ditaelo tsa bone. (Luke 6:46; 1 Johane 2:17) Jesu o ile a re ga se gore mongwe le mongwe yo o mmitsang “Morena” o tla bolokwang go na le moo go tla bolokwa fela “yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong.”​—Mathaio 7:21.

  • Go bontsha gore re na le tumelo ka go itshokela mathata. Jesu o ile a gatelela ntlha eno fa a ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”​—Mathaio 24:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela