LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwhf setlhogo 4
  • Go Bua le Bana ka Kgang ya Bojalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua le Bana ka Kgang ya Bojalwa
  • Go Thusa Lelapa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se o tlhokang go se itse
  • Se o ka se dirang
  • Go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo le Botsogo Jwa Gago
    Tsogang!—2005
  • Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go leba Bojalwa ka Tsela e e Siameng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Thusa Lelapa
ijwhf setlhogo 4
Ngwana a lebile batsadi fa ba nwa bojalwa

GO THUSA LELAPA

Go Bua le Bana ka Kgang ya Bojalwa

“Lekgetlo la ntlha fa re bua le morwadiarona ka bojalwa, o ne a na le dingwaga di le thataro. O ile a re makatsa ka gonne o ne a itse dilo tse re neng re sa akanye gore o a di itse.”

  • Se o tlhokang go se itse

  • Se o ka se dirang

  • Se Baebele e se buang ka bojalwa

Se o tlhokang go se itse

Go botlhokwa gore o bue le bana ka kgang ya bojalwa. Bua le ngwana ka kgang eno le fa a sa ntse a le monnye. Khamit wa kwa Russia a re: “Ke eletsa e kete re ka bo re buile le mosimane wa rona ka bojalwa ka nako ya fa a ne a sa ntse a le monnye. Ke lemogile botlhokwa jwa go dira jalo go setse go le thari. Ngwanake o simolotse go nwa bojalwa a na le dingwaga tse 13.”

Goreng o tlhoka go bua le ngwana wa gago ka kgang eno?

  • Ngwana a ka ithuta bojalwa go tswa mo baneng ba a tsenang sekolo le bone, mo dipapatsong le mo thelebisheneng.

  • Go ya ka setheo sa kwa U.S. se se berekang ka go thibela malwetse, mo bathong botlhe ba ba nwang bojalwa, diperesente di le 11 tsa bone ke bana ba bannye.

Ga go makatse go bo ba tsa boitekanelo ba kgothaletsa batsadi gore ba simolole go bua le bana ka kotsi ya bojalwa fa ba sa ntse ba le bannye. Batsadi ba ka dira seo jang?

Se o ka se dirang

Se makale fa bana ba go botsa dipotso. Bana ba bannye ba rata go botsa dipotso mme fa ba ntse ba gola, dipotso tsa bone ga di fele, ke ka moo o tlhokang go nna o ipaakanyeleditse go araba dipotso tsa bone. Ka sekai:

  • Fa ngwana a batla go itse gore bojalwa bo utlwala jang, o ka mo tlhalosetsa gore beine e botlha mme biri yone e botlha thata.

  • Fa ngwana a batla go hupa bojalwa, o ka mo tlhalosetsa gore mmele wa gagwe ga o ise o tie gore a ka nwa bojalwa. Mmolelele gore bojalwa bo ka dira gore motho a ritibale mme fa a bo nwa thata bo ka dira gore a tsewe ke sedidi, a dire dilo tse di se nang tlhaloganyo le go bua dilo tse a ka tsogang a di ikwatlhaela.​—Diane 23:29-35.

Ithute dilo dingwe. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso.” (Diane 13:16) Ithute gore bojalwa bo dirisediwa eng le gore mo nageng ya lona motho o tshwanetse go nna dingwaga tse kae pele a ka bo nwa kgotsa gore o tshwanetse go nwa selekanyo se se kae. Fa o itse dilo tseno, o tla kgona go thusa ngwana wa gago.

A e nne wena o simololang motlotlo le ngwana. Mark wa kwa Boritane a re: “Bana ba ka tswa ba sa tlhaloganye gore bojalwa bo dirisiwa jang. Nkile ka botsa ngwanake wa dingwaga tse robedi gore a o akanya gore go siame kgotsa ga go a siama go nwa bojalwa. Ke ile ka dira gore a ikutlwe a phuthologile mme seo se ile sa mo thusa gore a kgone go bua a sa fitlhe sepe.”

Fa o batla go thusa ngwana, o tlhoka go bua ka kgang ya bojalwa gangwe le gape. Gape o ka bua ka dilo tse di jaaka pabalesego ya mo tseleng le ka tlhakanelodikobo, go ikaegile ka gore ngwana o godile go le kae.

Mo tlhomele sekao. Bana ba ithuta mo bathong ba bangwe mme dipatlisiso di bontsha gore ba ithuta dilo tse dintsi mo batsading ba bone. Seno se raya gore nako le nako fa o na le mathata o bo o nwa bojalwa, ngwana wa gago a ka tsaya gore bojalwa bo thusa motho gore a lebale ka mathata a gagwe. Tlhomela ngwana sekao se sentle. Dirisa bojalwa ka tsela e e siameng.

Ngwana a lebile mama fa a gana go tshelelwa beine e e oketsegileng

Ngwana o ithuta mo motsading gore bojalwa bo dirisiwa jang

Se Baebele e se buang ka bojalwa

“[Jehofa] o dira . . . “beine e e ipedisang pelo ya motho.” (Pesalema 104:14, 15) Ga go na sepe se se phoso ka bojalwa, ke mpho e e tswang kwa Modimong.

“Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” (Diane 20:1) Bojalwa bo tshwanetse go dirisiwa sentle.

“Matagwa, . . . ga [a] na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:10) Modimo ga a kgale go nwa bojalwa, o kgala botagwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela