LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 165
  • A Modimo o Dirisitse Evolution go Dira Ditshedi Tse di Farologaneng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o Dirisitse Evolution go Dira Ditshedi Tse di Farologaneng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Batho ba dumela eng ka evolution?
  • A evolution e dumalana le Baebele?
  • A go fetoga go se kae mo dimeleng le mo diphologolong gore di kgone go tshela kwa lefelong lengwe ke evolution?
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?
    Tsogang!—2006
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 165
Monna o dikologilwe ke diphologolo tse di farologaneng,ditshenekegi, dinonyane le dimela.

A Modimo o Dirisitse Evolution go Dira Ditshedi Tse di Farologaneng?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Baebele ya re Modimo o bopile batho, diphologolo le dimela ka fa ‘mefuteng ya tsone’.a (Genesise 1:12, 21, 25, 27; Tshenolo 4:11) Gape ya re batho ba tswa mo go Adame le Efa, batsadi ba rona ba ntlha. (Genesise 3:20; 4:1) Baebele ga e dumalane le kgang ya gore Modimo o dirisitse evolution go bopa ditshedi tse di farologaneng. Mme gone, ga e ganetse baitsesaense ba ba buang gore dibopiwa ga di tshwane.

  • Batho ba dumela eng ka evolution?

  • A evolution e dumalana le Baebele?

  • A go fetoga go se kae mo diphologolong le mo dimeleng gore di kgone go tshela kwa lefelong lengwe ke evolution?

Batho ba dumela eng ka evolution?

Batho ba ba dumelang evolution ba na le dikakanyo tse di sa tshwaneng ka gore Modimo o bopile dilo jang. Batho bangwe ba dumela gore “Modimo o dirisa dilo tsa tlhago go laola lefatshe.”

Bangwe ba dumela gore:

  • Ditshedi tsotlhe tse di tshelang, di tswa mo sebopiweng se le sengwe se se tshetseng bogologolo.

  • Setshedi se sengwe se iphetogela ka bosone go nna setshedi se sengwe.

  • Modimo ke ene a dirang gore diphetogo tseno di direge.

A evolution e dumalana le Baebele?

Evolution e raya gore se Baebele e se rutang ka popo mo go Genesise ga se boammaaruri. Le fa go ntse jalo Jesu o ne a nopola pego ya Genesise fa a ne a gatelela ditlha dingwe tsa botlhokwa. (Genesise 1:26, 27; 2:18-24; Mathaio 19:4-6) Baebele ya re, pele Jesu a tla mo lefatsheng o ne a dira mmogo le Modimo kwa legodimong go dira “dilo tsotlhe.” (Johane 1:3) Ka jalo kgopolo ya gore Modimo o dirisitse evolution go bopa sengwe le sengwe ga e dumalane le se Baebele e se rutang.

A go fetoga go se kae mo dimeleng le mo diphologolong gore di kgone go tshela kwa lefelong lengwe ke evolution?

Baebele ga e tlhalose gore go ka nna le diphetogo di le kae mo mofuteng mongwe wa diphologolo kgotsa wa dimela. Gape ga e ganetsane le gore ditshedi dingwe kgotsa dimela dingwe tse Modimo a di dirileng di ka nna tsa se tshwane fa di ntse di ata kgotsa fa di nna kwa mafelong a a farologaneng. Le fa gone diphologolo kgotsa dimela tseo di fetoga go se kae ga go reye gore ke mofuta o mongwe wa diphologolo kgotsa wa dimela.

a Se Baitsesaense ba se bitsang evolution, tota ke go farologana go se kae mo mofuteng mongwe wa ditshedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela