LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 85
  • Nka Buisana Jang le Batsadi Ka Melao E ba E Mpeetseng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Buisana Jang le Batsadi Ka Melao E ba E Mpeetseng?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se o tlhokang go se itse
  • Se o ka se dirang
  • Ke Eng fa ke Beetswe Melao e Mentsi Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A Tota Melao ya mo Lelapeng e a Tlhokega?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tshela ka Melao e Mentsintsi Jaana?
    Tsogang!—2006
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 85
Mosimane a hapilwe leoto ka bolo le tšhaine

BASHA BA BOTSA JAANA

Nka Buisana Jang le Batsadi Ka Melao E ba E Mpeetseng?

“Melao e batsadi ba me ba neng ba mpeetse yone fa ke na le dingwaga di le 15 e ne e utlwala ka nako eo, mme gone jaanong ke na le dingwaga di le 19, ke akanya gore ba tlhoka go mpha kgololesegonyana.”​—Sylvia.

A le wena o ikutlwa jaaka Sylvia? Fa go le jalo, dintlha tse di latelang di tla go thusa go buisana le batsadi ba gago ka kgang eo.

  • Se o tlhokang go se itse

  • Se o ka se dirang

  • Se balekane ba gago ba se buang

Se o tlhokang go se itse

Pele o bua le batsadi ba gago ka melao e ba go e beetseng, akanya ka dintlha tse di latelang:

  • Fa go se na melao, dilo di a tlhakatlhakana. A re dire sekai ka ditsela tsa mo ditoropong tse dikgolo. O akanya gore go ne go tla diragalang fa go ne go se na matshwao a tsela le diroboto? Fela jaaka melao ya tsela e thusa gore go se ka ga nna le tlhakatlhakano, melao ya mo ntlong le yone e dira ka tsela e e tshwanang.

  • Melao eno e bontsha gore batsadi ba gago ba a go kgathalela. Fa ba ne ba sa go beele melao, go tla bo go bontsha gore ga ba go kgathalele. O akanya gore motsadi yo o ratang ngwana wa gagwe a ka mo tlogelela fela a itirela jaaka a rata?

A O NE O ITSE GORE batsadi le bone ba na le melao e ba e beetsweng? Fa e le gore ga o dumele, bala Genesise 2:24; Duteronome 6:6, 7; Baefeso 6:4; le 1 Timotheo 5:8.

Mme o tlhoka go dirang fa o sa ntse o akanya gore melao e batsadi ba gago ba go e beetseng ga e utlwale?

Se o ka se dirang

Pele o ya go bua le bone, akanyetsa ntlha eno. A o tlhola o dira sengwe le sengwe se batsadi ba gago ba reng o se dire? Fa e le gore ga nke o dira jalo, gongwe eno ga se nako e e siameng ya go bua le bone ka kgang eno. Bala setlhogo se se reng, “Nka Dirang Gore Batsadi Ba me Ba Ntshepe?”

Mme fa e le gore o tlhola o ba reetsa, akanya pele ka dilo tse o ka ratang go di bua le bone. Gongwe o ka di kwala go go thusa go bona gore a di a utlwala. Fa o sena go dira jalo, botsa batsadi ba gago gore ke nako efe e e ba siametseng gore lo kgone go bua ka kgang eno. Jaanong fa lo setse lo kopane, gopola dintlha tse di latelang:

Bua le bone ka tlotlo. Baebele ya re: “Lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Gopola gore: Fa o ngangisana le batsadi ba gago kgotsa o ba latofatsa gore ga ba dire dilo sentle, motlotlo wa lona o ka se ye gope.

“Fa batsadi ba me ba lemoga gore ke a ba tlotla, le bone ba a ntlotla. Go dira jalo go dira gore go nne motlhofo gore re kgone go dumalana ka dilo dingwe.”​—Bianca wa dingwaga tse 19.

Reetsa. Baebele ya re re nne “bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Se lebale gore wena le batsadi ba gago lo a buisana, ka jalo, o tlhoka go ba reetsa fa ba bua.

“Fa re ntse re gola, re ka nna ra nagana gore re botlhale go feta batsadi ba rona mme seo e tla bo e le go itsietsa fela. Re tshwanetse go ba reetsa fa ba re gakolola.”​—Devan wa dingwaga tse 20.

Ba akanyetse. Leka go tlhaloganya tsela e batsadi ba gago ba lebang dilo ka yone. Latela kgakolo ya Baebele ya gore re se ka ra ‘kgatlhegela dilo tse di amang rona fela, mme gape re kgatlhegele le dilo tse di amang ba bangwe.’​—Bafilipi 2:4.

Mosimane a ngangisana le batsadi ba gagwe; mosimane a bua ka maitseo le batsadi ba gagwe

O akanya gore ke kakantsho efe e e tla go thusang?

“Ke ne ke tlhola ke nagana gore batsadi ba me ba kgatlhanong le nna le gore ga ba batle go nthusa. Ke gone ke lemogang gore ba ne ba leka go nna batsadi ba ba siameng mme nna ka fa letlhakoreng le lengwe ke ne ke ithuta go itirela ditshwetso. Dilo tse ba neng ba di dira di mpontsha gore ba a nthata le gore ba ne ba tshwenyegile ka nna.”​—Joshua wa dingwaga tse 21.

Tla ka dikakantsho tse dingwe. Ka sekai, a re re o batla go ya phathing mme wa go tlhoka go kgweetsa ura pele o fitlha koo. Batsadi ba gago ba na le bothata le kgang eo. Leka go tlhaloganya gore a bothata jwa bone ke kgang ya go kgweetsa go ya koo kgotsa a ke phathi e o yang kwa go yone.

  • Fa bothata e le go kgweetsa, a go tsamaya le motho yo mongwe yo o itseng go kgweetsa go ka thusa?

  • Fa bothata e le phathi, a go ka thusa go ba bolelela gore ke bomang ba ba tla bong ba le teng le gore a go na le motsadi yo o tla bong a ba tlhokometse?

Se lebale gore tsela e o buang le bone ka yone e tshwanetse go bontsha gore o a ba tlotla e bile o tlhoka go ba reetsa o sa ba felele pelo. Bontsha gore o ‘tlotla rrago le mmago’ ka tsela e o itshwarang ka yone fa o bua le bone. (Baefeso 6:2, 3) Fa e le gore ba sa ntse ba gana gore o ye phathing, o tlhoka go . . .

Amogela tshwetso ya bone. Go dira jalo go botlhokwa e bile go dira gore mo nakong e e tlang fa o kopa, ba go letle. Mme fa o gana go amogela tshwetso ya bone o bo o simolola go ngangisana le bone, o tla dira gore go nne thata gore ba buisane le wena mo nakong e e tlang fa o tlhoka go ya gongwe.

Se balekane ba gago ba se buang

Devan

“Ke lemogile gore fa ke sa ngangisane le batsadi ba me mme ke ba tlhalosetsa gore ke ikutlwa jang, ba ne ba tlhola ba ntheetsa mme fa go tlhokega ba bo ba ntlhalosetsa mabaka a tshwetso ya bone kgotsa ba bo ba tla ka dikakantsho tse dingwe. Batsadi ba batla gore fa re bua le bone re buisane sentle le gore re se ka ra ngala fa ba sa dumalane le rona.”​—Devan.

Joseph

“Go ntsere lobaka go lemoga gore fa ke bua le batsadi ba me ke sa ngangisane le bone, go nna motlhofo gore ba tlhaloganye gore ke batlang. Le fa re ne re sa tlhaloganyane, go bua re sa ngangisane go ne go thusa gore go nne le kagiso le fa re sa dumalane.”​—Joseph.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela