KGANG YA BOTSHELO JWA GA OLEH RADZYMINSKYI
Go Isiwa Kgolegelong Ga go A ka Ga Nthibela go Direla Jehofa
Ke tsholetswe kwa Siberia ka 1964, morago ga gore puso e leleke batsadi ba me kwa Ukraine. Batsadi ba me le batsadi ba bone ga ba a bolo go bontsha gore ba tshepa Jehofa mo go feletseng, tota le ka nako ya fa ba ne ba le mo kgolegelong. Ntatemogolo o ne a tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di le 7 ka ntlha ya go direla e le molebedi wa potologo. Fa dingwaga di ntse di ya le nna ke ne ka tsenngwa mo kgolegelong, mo godimo ga moo ke ile ka lebana le maemo a mangwe a a neng a tlhoka gore ke bontshe gore ke ikanya Jehofa.
Re ne ra boela kwa Ukraine ka 1966. Ke gopola re etela Ntatemogolo kwa kgolegelong ke le dingwaga di le 4. Nna le mama re ne ra tsaya loeto lo loleele ka terena go tswa Kryvyi Rih, Ukraine, go ya kgolegelong ya kwa Mordovia e e kwa bogareng jwa Russia. Re ne ra kgona go fetsa diura tse pedi fela le Ntatemogolo mme badisa ba kgolegelo ba ne ba tshwanetse go nna ba re lebile. Badisa bao ba ile ba letlelela gore Ntatemogolo a nkuke.
Go Ikanya Jehofa Fa ke Le Kwa Sekolong
Ke na le nnake Mykhailo (mo mojeng)
Fa ke ntse ke gola kwa Ukraine, boikanyegi jwa me mo go Jehofa bo ne jwa lekwa makgetlo a le mantsi. Ka sekai, fa bana ba ne ba simolola sekolo ba ne ba tshwanetse go apara yunifomo e e nang le betšhe ya naledi, e e nang le setshwantsho sa ga Lenin fa a sa ntse a le monnye.a Dingwaga moragonyana bana ba ne ba tshwanetse go ipofa ka sekafo se sehibidu mo molaleng, e le go bontsha gore ba ema nôkeng dikgopolo tsa ga Lenin. Ke ne ka gana go apara diaparo tse di nang le matshwao a sepolotiki ka gonne ke ne ke itse gore Jehofa ke ene fela a tshwanelwang ke boineelo jo bo feletseng.
Batsadi ba me ba ile ba nthusa gore ke itirele tshwetso ya go direla Jehofa, ka go ntlhalosetsa gore ga re a tshwanela go tsaya letlhakore mo dipolotiking le go nnaya mabaka a go bo re sa tshwanela go dira jalo, mme ba ile ba bua le nna ba le pelotelele. Gape ba ne ba nkgothaletsa gore ke nne moithuti yo o dirang ka natla kwa sekolong, ka gonne seo se ne se tla dira gore batho ba tlotle Jehofa.
Letsatsi lengwe mmegadikgang mongwe wa makasine wa Nauka i religiia (Saense le Bodumedi), e leng lokwalodikgang lwa setšhaba lo lo neng lo buelela dikgopolo tsa balatola Modimo, o ne a tla kwa sekolong sa rona. Barutabana ba me ba ile ba dira gore ke nne kwa pele fa mmegadikgang yoo a ntse a ruta thuto e e diretsweng go dira gore re dumele gore Modimo ga a yo.
Fa mmegadikgang yoo a fetsa go ruta thuto eno, barutabana ba ne ba ntseela kwa thoko ba bo ba mo kopa gore a bue le nna. O ne a mpotsa gore ke wa bodumedi bofe mme ke ne ka mo araba ke sa okaoke ke re, “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” Go ne go se na sepe se a ka se buang ntle le go lebogela go bo ke reeditse thuto ya gagwe ka kelotlhoko, mme seno se ne sa galefisa barutabana ba me fela thata.
Go Ikanya Jehofa re le Lelapa
Re ne re ikaegile ka thuso ya ga Jehofa re le lelapa, gore re kgone go printa dikgatiso tsa Baebele kwa gae le go di isa kwa bathong. Mo godimo ga moo, Papa o ne a direla e le molebedi wa potologo kwa bogareng jwa Ukraine, mme o ne a etela diphuthego le ditlhopha tse dinnye.
Letsatsi lengwe ka February 1978, fa ke tswa sekolong ke ne ka fitlhela dithoto tsa rona di gasame mo ntlong. Seo se ile sa direga malatsi a le mabedi fela pele nnake e bong Pavlik a tsholwa. Mapodise a ile a phuruphutsa ntlo ya rona a bo a tsaya dikgatiso tsotlhe tsa rona.
Letsatsi le le latelang go ile ga diragala sengwe se se sa tlwaelegang kwa sekolong. Barutabana ba ne ba tlhomile nna le nnake e bong Mykhailo matlho, ka gonne ba ne ba akanya gore batsadi ba rona ke ditlhola tsa Amerika. Fa nako e ntse e ya, bontsi jwa barutabana bo ne jwa lemoga gore seno e ne e se boammaruri. Moragonyana, bangwe ba ke neng ke le mo tlelaseng le bone ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa!
Ka 1981, mapodise a ile a phuruphutsa legae la rona gape. Le fa gone ke ne ke ise ke tshware dingwaga di le 18, mapodise a ile a laela gore nna, Papa le Ntatemogolo re ye kwa ofising ya mosekisi. Lepodise lengwe le le nang le maemo a a kwa godimo le ne la leka go ntshosetsa ka gore le tla ntsenya mo kgolegelong. Fa seo se ntse se direga, monna mongwe yo o sa aparang yunifomo ya mapodise o ne a ntsholofetsa botshelo jo bo botoka fa nka dirisana le bone sentle. Tota se se neng se direga ke gore lepodise le lengwe le ne le ntsholofetsa gore ke tla di gama ke sa di tlhapela, fa le lengwe lone le ntsholofetsa legodimo le lefatshe. Fa ba ne ba ntse ba leka go dira gore ke ineele, ba ne ba nkgopotsa ka dinako tsa fa Papa, Ntatemogolo le bomalome ba ne ba le mo kgolegelong. Mapodise ao a ne a sa lemoge gore se ba neng ba se mpolelela se ne se ntlhomamisetsa gore le nna Jehofa a ka nthusa go itshokela go ya kgolegelong.—Bafilipi 4:13.
Go tswa mo letsogong la molema go ya go la moja: Papa, nna, Pavlik, Mama le Mykhailo, pele ke tshwarwa
Go Ikanya Jehofa Fa ke Le Kwa Kgolegelong
Letsatsi morago ga gore ke nne le dingwaga di le 18, ke ile ka amogela lekwalo la gore ke bilediwa kwa bosoleng. Ke ne ka gana go ya bosoleng, mme ka ntlha ya seo ke ile ka tsenngwa mo kgolegelong gore ke letele tsheko gone. Mo kgolegelong eno, ke ne ke tla tshwanelwa ke go robala mo seleng e kgolo e e nang le banna ba le 85, ba ba neng ba refosana go robala mo malaong a le 34. Ba ne ba re letlelela go tlhapa gangwe fela mo bekeng.
Morago ga go tsena mo seleng, mapodise a ne a e tswala, mme banna ba ba neng ba le mo teng ga sele eo ba ne ba ntlhoma matlho. Banna bangwe ba ba neng ba le mo khoneng ya sele ba ne ba mpotsa gore ke tshwaretswe eng. Le fa gone ke ne ke tshogile ke ne ka gopola pego ya Baebele ya ga Daniele fa a ne a latlhetswe mo khuting ya ditau, mme tsa se ka tsa mo dira sepe. Pego eno e ile ya nthusa go tshepa Jehofa ka botlalo le go nna ke ritibetse.—Isaia 30:15; Daniele 6:21, 22.
Morago ga dijo tsa maitseboa, mongwe wa banna ba ke neng ke le mo seleng le bone o ne a simolola go mpotsa dipotso tse dintsi ka tumelo ya me. Fa re ntse re tlotla, magolegwa otlhe a ne a simolola go didimala, mme a reetsa puisano ya rona. Ke ne ka fetsa diura di le 4 go ya go tse 5 ke tlotla le bone ka se ke se dumelang. Ke ne ke lebogela go bo Jehofa a nthusitse go dira seno!
Pele ke ya go seka, ke ne ka kopa Jehofa gore a nneye botlhale le bopelokgale jwa go femela tumelo ya me. Mosekisi o ne a re ke dirisa go dumela mo Modimong e le seipato sa gore ke se ka ka ya bosoleng. Ke ne ka leka go ba tlhalosetsa gore fa nka ya sesoleng, ke ne ke tla galefisa Motho yo o maatla go gaisa botlhe mo lobopong. Go sa kgathalesege se ke se buileng, ka 1982 ke ne ka bonwa molato, mme ka isiwa kgolegelong kwa kampeng ya go dira tiro e e bokete dingwaga di le pedi.
Ke ne ke itumeletse gore go ne go na le Basupi ba bangwe ba le batlhano mo kampeng eno. Le fa gone re ne re se na nako e ntsi ya go tlotla, re ne re ipha metsotsonyana ya go tlotla ka temana e le nngwe ya Baebele. Go ne go se na ope wa rona yo o neng a na le Baebele, mme gone gantsi e ne e re fa ba malapa a rona le ditsala ba re kwaletse makwalo ba ne ba umaka ditemana tsa Baebele. Ka dinako dingwe re ne re fitlhela ditemana mo dibukeng tse dingwe tse e seng tsa Basupi.
Go Ikanya Jehofa fa ke Isiwa Kwa Bookelong ka Tshoganyetso
Ka 1983, fa ke ntse ke le kwa kgolegelong kwa re berekelang gone, motšhine o o neng o kukile disenke tsa bokete jwa ditone di le pedi (dikilogerama di feta 1 800) o ne wa diga disenke tseo ka phoso. Disenke tseo tse di bokete di ne tsa mpetsa ka fa morago, mme ka wela fa fatshe, di bo di wela mo leotong la me la molema.
Ke ne ka kopa Jehofa gore a nneye maatla a gore ke itshokele botlhoko jo ke neng ke le mo go jone. Mooki wa kgolegelo o ne akantsha gore ke rogane gore ke kokobetse botlhoko joo, mme nna ke ne ka opela dipina tsa Bogosi.
Fa ke isiwa bookelong ke ne ka tsewa ka teraka, ka pegwa mo mokorong ka bo ka tsewa ka ambulense. Go ile ga tsaya diura di le 6 gore ke fitlhe kwa bookelong mme ke ne ka latlhegelwa ke madi a mantsi mo mmeleng. Ke ne ke itse gore ke tlile go tlhoka go dirwa karo, ka jalo ke ile ka rapela gore dingaka di nne le botlhale le gore ba tlotle tshwetso ya me e e theilweng mo Baebeleng ya go se tshelwe madi. Ke ne ka tlhalosetsa ngaka se ke se dumelang mme o ne a sa batle go ntheetsa, le fa go ntse jalo ke ne ka mo kopa gore a tlotle tshwetso ya me. Ke ile ka mo tlhalosetsa gore ke ikemiseditse go tsaya boikarabelo jwa ditlamorago tsa kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone. Kwa bofelong o ile a dumela go dira karo a sa ntshele madi, ke ile ka ikutlwa ke imologile tota. Le fa go ntse jalo, bontlha bongwe jwa leoto la me la molema bo ne bo tlhoka go kgaolwa.
Ke ne ke le bokoa tota morago ga go diriwa karo. Go fetile dibeke di le mmalwa ke le fa gare ga botshelo le loso. Nako nngwe mooki o ne a ntlhalosetsa gore ke tla tlhoka dijo tse di nang le dikotla go gaisa tse re di newang fa re le kwa kgolegelong gore ke kgone go tokafala, mme di ne di tla bewa mo setsidifatsing se se gaufi. Ke ne ka letlelelwa go ja leswana la tswina ya dinotshe, lee le botoro e nnye letsatsi le letsatsi. Morago ga gore batsadi ba me ba utlwe ka kotsi e e tlhagileng, ba ne ba rulaganya gore ke newe dijo tseno. Le fa go ntse jalo, lepodise le le neng le ntlhokometse le ne la amogela dijo tseno gangwe fela, mme go tswa foo o ile a gana go amogela tse dingwe.
Seatla sa ga Jehofa ga se sekhutshwane. (Isaia 59:1) Morago ga go tlhapisa le go hapa ntho ya me gape, baoki ba ne ba mpha dingwe tsa dijo tsa bone. Gape fa dijo di fela mo setsidifatsing, ba ne ba tsenya tse dingwe. Seno se ne sa nkgopotsa pego ya Baebele ya motlholagadi yo nkgo ya gagwe ya leokwane e neng ya se ka ya fela.—1 Dikgosi 17:14-16.
Ka iketlo ke ne ka tokafala. Ba lelapa le ditsala ba ile ba nkwalela makwalo a le 107 a a neng a nkgomotsa le go nkgothatsa, mme ke ile ka araba makwalo ao otlhe fela. Gape ke ile ka amogela mpho e e tswang kwa bakaulengweng ba ba neng ba golegilwe kwa kampeng e nngwe.
Morago ga dikgwedi tse pedi tse di telele, ke na ka kgona go tsena mo metsing ke tlhapa! Ke ne ke batla go boela kwa kampeng gore ke kgone go boa gape ke kopana le bakaulengwe.
Ngaka e e neng e baakanya dipampiri tsa go ntshiwa ga me kwa bookelong, e ne ya mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a mpotsa dipotso di le dintsi ka tumelo ya me. Morago ga puisano ya rona, o ne a mpolelela gore o eletsa gore ke nne le maatla a go tswelela ke ikanyega mo tumelong ya me. Go ne go gakgamatsa go utlwa motho yo o apereng yunifomo ya sesole a bua mafoko ao!
Ka April 1984, ke ne ka ya go kopana le badiredi bagolo go ya go bua le bone ka parole ya me. Ba ne ba mpotsa gore a nka tsenela bosole. Ke ile ka ba bolelela gore potso ya bone e ne e sa utlwale, ka gonne ke tsamaya ka dithobane e bile ke na le leoto le le lengwe. Ba ne ba mpotsa gape ba re: Gone o ne o tla dira eng fa o ne o na le maoto a mabedi?” Ke ne ka ba raya ka re ke ne ke tlile go gana, e bile ke ikemiseditse go tswelela ke ikanyega mo Modimong wa me. Ba ne ba re ba tla tlhomamisa gore ke nna mo kgolegelong go fitlha dingwaga tse ke di atlholetsweng di fela. Le fa go ntse jalo, ke ile ka gololwa dikgwedi tse pedi le malatsi a le 12 pele ga nako e ke e atlholetsweng.
Ke na le Mykhailo (mo mojeng), morago ga go gololwa kwa kampeng
Go Ikanya Jehofa Morago ga go Ntshiwa mo Kgolegelong
Ngwaga morago ga go ntshiwa mo kgolegelong ke ne ka newa leoto le le itiretsweng. Go ntsaya ura moso mongwe le mongwe go le tsenya. Fa go le mariga go nna thata go tsenya leoto leo, e bile karolo e e setseng ya leoto la me e tsaya nako go thuthafala ka ntlha ya gore madi ga a tsamaye sentle mo go lone. La bofelo fa ke ipona ke taboga ke fa ke le dingwaga di le 19, mme ke eletsa go ipona ke taboga gape kwa lefatsheng le lesha.—Isaia 35:6.
Letsatsi la rona la lenyalo
Go ne go le thata go bona tiro ka gonne batho ba ne ba sa batle go hira motho yo o nang le bogole. Le fa gone ke tsenya leoto le le itiretseng, ga ke ise ke bereke tiro e e ntetlang go nna fa fatshe letsatsi lotlhe. Ka nakwana, ke ile ka bereka tiro ya go baakanya dikoloi. Moragonyana ke ne ka bereka mo tirong ya go aga.
Ka 1986, ke ne ka nyala kgaitsadi yo lorato yo o bidiwang Svitlana. Fela jaaka nna, batsadi ba ga Svitlana le batsadi ba bone e ne e le Basupi ba ga Jehofa. O ile a re o itumelela gore fa re simolola go ratana, re ile ra dumalana gore go direla Jehofa e tla nna selo sa botlhokwa thata mo lenyalong la rona.
Bana ba rona e leng Olia le Volodia, ba ne ba ithuta tiro ya go aga ka go re thusa go baakanya ntlo e re neng re nna mo go yone pele. Fa ba ntse ba gola ba ne itumelela go thusa mo diporojekeng tsa go aga Diholo tsa Bogosi. Gape ba ile ba nna babulatsela ba ka metlha. Olia jaanong o thusa ka go aga Diholo tsa Bogosi, mme Volodia o direla e le mogolwane.
Monna wa ga Olia, Oleg; morwadi wa rona, Olia; Svitlana; nna; mosadi wa ga Volodia, Anna; le morwa wa rona, Volodia
Svitlana o ne a nkema nokeng ka metlha, mme seo se ne se nthusa gore ke kgone go dira maikarabelo a me mo phuthegong sentle. Ka bo1990, diphuthego tse dintsi kwa Ukraine di ne di na le baboledi ba feta 200 mme di na le mogolwane a le mongwe kgotsa ba le babedi fela. Gangwe ka kgwedi, ke ne fetsa mafelo a beke ke isa dikgatiso kwa diphuthegong tse di kwa bogareng jwa Ukraine.
Go Ikanya Jehofa Gone Jaanong
Ka 2022, nna le Svitlana re ne ra tlogela legae la rona le le kwa Kryvyi Rih. Mme gone jaanong re direla kwa phuthegong e e kwa Austria.
Fa ke ntse ke gola ke ithutile mo dikaong tsa masika a me a e leng Basupi, gore le fa ba ne ba lebana le maemo a a thata, ba ne ba nna ba itumetse. Baebele e re thusa go itse mo go oketsegileng ka Mmopi wa rona, le gore re nne le botsalano jo bo atamelang thata le ene. (Jakobe 4:8) Botsalano joo bo dira gore botshelo jwa rona bo nne le bokao. Go sa kgathelesege mathata a ke ileng ka lebana le one, ke itumelela gore ke ile ka kgona go neela Jehofa tlotla e e mo tshwanelang.
Ke na le Svitlana kwa Austria
a Vladimir Lenin e ne e le mosimolodi wa Russian Communist Party gape e ne e le moeteledipele wa ntlha wa Soviet Union.