Ntlha e e Kwa Tlase
a “Baitse bangwe ba akanya gore go ka twe motho o nonne thata fa e le gore o na le bokete jo bo fetang jo bo ‘tshwanelang’ . . . boleele jwa gagwe, tsela e a agegileng ka yone le dingwaga tsa gagwe ka 20 lekgolong.”—The American Medical Association Family Medical Guide, tsebe 501. Bona gape le “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dirang Gore Ke Iphokotse Mmele?” mo go Tsogang! ya May 8, 1994, le “A go Iphokotsa Mmele ke Ntwa E e Sa Fenyegeng?” (ya Seesemane) ya May 22, 1989.
Pono e e Lekalekaneng ka Dijo le Boitekanelo
Baebele ga se buka e e ntshang ditaelo kaga mekgwa ya go ja; lefa go ntse jalo, e re thusa go nna tekatekano mo dilong tse di amanang le boitekanelo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa kgatlhanong le batho ba ba neng ba laela gore “go ilwe dijo tse Modimo o di tlhophetseng go amogelwa ka tebogo ke ba ba dumelang le ba ba itseng boammaaruri.” (1 Timotheo 4:3) Modimo o batla gore re kgotsofale le go somarela dilo tse re nang le tsone. “Bonnye fa bo na le poifo ya ga Jehofa, bo molemo bogolo go khumo e kgolo, fa e na le letshwenyo.”—Diane 15:16.
Gompieno ga go na motho ope yo o itekanetseng sentle. Ka jalo, ke eng fa o sa nne tekatekano ka go sa nne botlhaswa mme gape o sa tlhobaele ka tsela e e feteletseng? Go kgatlhegela dijo le tsa boitekanelo ka tsela e e feteletseng go ka dira gore re se ka ra dira dilo ka tekatekano.
Go sa kgathalasege maiteko a re a dirang go ipoloka re itekanetse, go ya kafa dilo di leng ka teng gone jaanong, kgabagare re tla tsofala re bo re swa. Lefa go ntse jalo, selo se se itumedisang ke gore Baebele e re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa phepelotlase le bolwetsi. Le mororo dithulaganyo tsa batho tsa go leka go fedisa leuba di paletswe, re ka solofela go bona lefatshe le mo go lone batho ba tla bong ba na le dijo tse dintsi tse di otlang.—Pesalema 72:16; 85:12.