Ntlha e e Kwa Tlase
d Patlisiso nngwe ya bosheng jaana e bontsha gore go tswakanya mashi a poere le mashi a letsele go ka oketsa kotsi ya gore lesea le tshwaediwe ke mogare wa HIV le gore mashi a letsele a ka nna le dilwantshamegare tse di thusang go lwantsha mogare ono. Fa seno se le boammaaruri, he go anyisa ngwana letsele fela—tota le ka dikotsi tsa gone—e ka nna tlhopho e e botoka. Le fa go ntse jalo, dilo tseno tse di fitlheletsweng ke patlisiso eno di sa ntse di tlhoka go tlhomamisiwa.