Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa e le gore go tlwaelegile go dirisa kobo ya molelo mo nageng ya lona, dira gore o itse tsela e e tshwanetseng ya go e dirisa. Mokgatlho wa National Fire Protection Association wa United States o bolela jaana: “Go tshwanetse ga gatelelwa gore . . . dikobo tsa molelo ga di botlhokwa go le kalo. Di tshwanetse go dirisiwa fela fa di le teng fa gaufi. . . . Fa dikobo tsa molelo di sa dirisiwe sentle di ka gakatsa mosi le dikgobalo tse dingwe tsa molelo fa kobo eno e kuisetsa mosi kwa sefatlhegong kgotsa fa kobo eno e sa tlosiwe fa dikgabo tsa molelo di sena go tingwa.”