Ntlha e e Kwa Tlase
b Go ne ga feta nakonyana Bakeresete ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Jerusalema ba boloka melawana e e rileng ya Molao wa ga Moshe, mme go ka direga gore ba ne ba dira seo ka ntlha ya mabaka a a latelang. Molao oo o ne o tlhomilwe ke Jehofa. (Baroma 7:12, 14) Bajuda ba ne ba setse ba o rata thata ka gonne e ne e setse e le ngwao ya bone. (Ditiro 21:20) O ne o setse o fetogile molao wa naga mme fa Bakeresete ba ne ba ka ganetsana le one ba ne ba tla dira gore molaetsa wa bone o ganediwe go sa tlhokege.