Ntlha e e Kwa Tlase
a Kwa tshimologong, o ka bona kgwedi ka makgetlo a le mmalwa mo kgweding kgotsa wa tlodisa dikgwedi. Selekanyo sa go elela ga madi le sone se ka nna sa farologana go ya ka dikgwedi. Ga go bope jwa maemo ano jo bo tshwanetseng jwa go tshosa. Le fa go ntse jalo, go se bone kgwedi ka metlha mo lobakeng lwa ngwaga kgotsa tse pedi go ka tswa go bontsha gore o tlhoka go bona ngaka.