Ntlha e e Kwa Tlase
d Gantsi se se diregang ke gore ka ura, go tswa digerama di ka nna supa tsa setagisi mo mmeleng wa gago. Selekanyo sa galase ga se tshwane mo dinageng ka go farologana ga tsone. World Health Organization e tlhalosa gore selekanyo se go tweng ke sa galase ke sa bojalwa jo bo bogale jwa digerama di le 10 (dionse di le 0.35). Seno ke selekanyo sa mo e ka nnang dimililitara di le 250 tsa biri (dionse di le 8), dimililitara di le 100 tsa beine (dionse di le 3,4) kgotsa dimililitara di le 30 tsa bojalwa jo bo bogale (onse e le 1).