Ntlha e e Kwa Tlase
a Go kopana gono ga serwe se se namagadi sa sejalo le mmudula go ka diragala ka tsela e e bidiwang cross-pollination (fa mmudula o fetisediwa kwa sejalong se sele) kgotsa ka e e bidiwang self-pollination (fa mmudula o amogelwa ke sone sejalo se o tswang mo go sone). Le fa go ntse jalo, cross-pollination e dira gore go tlhage dijalo tsa mefutafuta e bile di nna di itekanetse gape di nonofile.