Ntlha e e Kwa Tlase
b Balepadinaledi ba Bagerika ke bone ba ba neng ba simolola go bala matlhakore a khutlotharo. Baithuti ba Baiselamo ba ne ba dirisa trigonometry go bona kwa Mecca e leng gone. Bamoseleme ba rapela letsatsi le letsatsi ba lebile ntlheng ya Mecca. Go ya ka ngwao ya bone, baswi ba tshwanetse go fitlhwa ba lebisitswe kwa ntlheng ya Mecca e bile Bamoseleme ba ba rekisang nama ba tshwanetse go leba kwa ntlheng ya Mecca fa ba bolaya diphologolo.