Ntlha e e Kwa Tlase
a Ka sekai, Baebele e bua ka sefatlhego, matlho, ditsebe, dinko, molomo, matsogo le maoto a Modimo. (Pesalema 18:15; 27:8; 44:3; Isaia 60:13; Mathaio 4:4; 1 Petere 3:12) Mafoko ano a a tshwantshetsang ga a tshwanela go tsewa fela jaaka a ntse, fela jaaka go ntse le ka mafoko a a dirisiwang go tlhalosa Jehofa a a jaaka “Lefika” kana “thebe.”—Duteronome 32:4; Pesalema 84:11.