Ntlha e e Kwa Tlase
a Go tlwaelegile gore go runye matsubutsubu ka tshoganyetso kwa Lewatleng la Galalea. Ka ntlha ya go nna kwa tlase ga lewatle (ka mo e ka nnang dimetara di le 200 kwa tlase ga boalo jwa lewatle), phefo ya teng e mogote go feta ya mafelo a a fa gaufi, mme seno se dira gore go nne le diphefo tsa matsubutsubu. Diphefo tse di maatla di foka mo Mokgatšheng wa Joredane go tswa mo Thabeng ya Heremone, e e kwa bokone. Go ka ritibala ka nakwana mme go tloge go runye diphefo tse di maatla tsa matsubutsubu.