Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa Jesu a ne a galefa jalo ka tsela e e siameng, o ne a tshwana le Jehofa yo o ‘iketleeleditseng go bontsha bogale jwa gagwe’ kgatlhanong le bosula jotlhe. (Nahume 1:2) Ka sekai, fa Jehofa a sena go bolelela batho ba gagwe ba batlhanogi gore ba fetotse ntlo ya gagwe “logaga lwa dinokwane,” o ne a re: “Bogale jwa me le tšhakgalo ya me di tla tshololelwa mo lefelong leno.”—Jeremia 7:11, 20.