Ntlha e e Kwa Tlase
c Bafarasai ba ne ba dumela gore batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba sa itse Molao, ba ne ba “hutsegile.” (Johane 7:49) Ba ne ba bolela gore motho o ne a sa tshwanela go ruta batho ba ba ntseng jalo kana go dira kgwebo le bone kana go ja le bone le fa e le go rapela le bone. Go letla morwadio go nyalana le mongwe wa bone go ne go le maswe thata go feta go mo neela dibatana. Ba ne ba re batho bao ba ba nyatsegang ga ba tshwanelwe ke tsholofelo ya tsogo.