Ntlha e e Kwa Tlase
a Mo metlheng ya Baebele, babetli ba legong ba ne ba thapelwa go aga matlo, go dira difanitšhara le go dira didirisiwa tsa temo. Justin Martyr, wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o ne a kwala jaana ka Jesu: “Batho ba ne ba mo itse ka tiro ya go betla fa a sa le mo lefatsheng, a dira megoma le dijokwe.”