Ntlha e e Kwa Tlase
b Baebele e bontsha gore ga se ka dinako tsotlhe go nna le segakolodi se se phepa go lekaneng. Ka sekai, Paulo o ne a re: “Ga ke lemoge sepe ka ga me. Le fa go ntse jalo ga ke supiwe ke le yo o siameng ka seno, mme yo o ntshekatshekang ke Jehofa.” (1 Bakorintha 4:4) Tota le ba ba bogisang Bakeresete, jaaka Paulo a ne a tlhola a dira, ba ka dira jalo ka segakolodi se se phepa ka gonne ba akanya gore Modimo o amogela se ba se dirang. Go botlhokwa gore segakolodi sa rona se nne phepa mo matlhong a rona le mo matlhong a Modimo.—Ditiro 23:1; 2 Timotheo 1:3.