Ntlha e e Kwa Tlase
c Eno e ne e se tshwetso e a e dirileng ka go tseega maikutlo fela. E re ka Moethiopia yono a ne a sokologetse mo Sejudeng, o ne a setse a itse Dikwalo, go akaretsa le boporofeti jo bo buang ka Mesia. E re ka jaanong a ne a setse a itse seabe sa ga Jesu mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo, o ne a ka kolobediwa ka yone nako eo.