Ntlha e e Kwa Tlase
d Fa go ntse go lekelediwa mokgwa wa go fetola dijini, go ile ga lemogwa gangwe le gape gore palo ya mefuta e mesha ya ditshedi e ne e fokotsega mme gantsi go ne go tlhaga mofuta o o tshwanang le o o kileng wa tlhaga pele. Gape go ne ga tsewa palo e e kwa tlase ga peresente e le 1 ya dimela tse di tlhagisitsweng ka mokgwa ono gore go ye go dirwa dipatlisiso ka tsone, mme mo palong eno ke tse di kwa tlase ga peresente e le 1 tse di neng tsa fitlhelwa di siametse go ka dirisiwa mo kgwebong. Mme gone, ga go ise go ke go dirwe le fa e le mofuta o le mongwe o mosha. Mokgwa wa go fetola dijini mo diphologolong o ne wa palelwa le go feta fa o bapisiwa le o o neng wa dirwa mo dimeleng, mme o ne wa tlogelwa gotlhelele.