LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO

Ntlha e e Kwa Tlase

a Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., Tertullian o ne a bolela gore basadi “ba ba neng ba tshasa matlalo a bone ditlolo tsa kalafi, ba tshasa marama a bone bohibidu, ba dira gore matlho a bone a bonale sentle ka go itshasa lloto [e ntsho], ba a Mo leofela.” O ne a kgala gape le ba ba neng ba fetola mmala wa meriri ya bone. Fa a ne a sokamisa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:36 o ne a bua kgatlhanong le seo jaana: “Ba ganetsa Morena! ‘Bonang!’ ba re, ‘mo boemong jwa bosweu kana bontsho, re dira [meriri ya rona] serolwana.’” O ne a oketsa jaana: “Go na le batho ba ba tlhabiwang ke ditlhong go bolela gore ba tsofetse, mme ba leka go fetola moriri wa bone o mosweu ba o dira montsho.” Eo e ne e le kgopolo ya ga Tertullian ka namana. Mme o ne a sokamisa dilo, ka go bo kgang yotlhe ya gagwe e ikaegile ka kgopolo e e leng ya gagwe ya gore basadi ke bone ba dirileng gore batho ba hutsege, ka jalo ba tshwanetse go ‘nna jaaka Efa, ba tlhokofale le go ikwatlhaya’ ka ntlha ya ‘botlhoko jo bo lerilweng ke boleo jwa ntlha.’ Bibela ga e bue sepe se se ntseng jalo: Modimo o ne wa pega Adame molato wa boleo jwa batho.—Baroma 5:12-14; 1 Timotheo 2:13, 14.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela