LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO

Ntlha e e Kwa Tlase

b Molao o mongwe o go ka lebegang o le maleba o ne o re monna ope yo o gobaditsweng dirwe tsa gagwe tsa tsalo ga a tshwanela go tla mo phuthegong ya Modimo. (Duteronome 23:1) Le fa go ntse jalo, Insight on the Scriptures e bontsha gore go bonala fa seno se ne se “kaya go ikopafatsa ga ka boomo ka maikaelelo a go nna le maitsholo a a sa siamang, a a jaaka bosodoma.” Ka gone, molao oo o ne o sa akaretse go segwa metha ya tsalo kgotsa sengwe se se tshwanang le thibelapelegi. Gape Insight ya re: “Jehofa o ne a gomotsa ka go bolelela pele nako e ka yone a neng a tla amogela baopafadiwa go nna batlhanka ba gagwe, mme fa ba mo ikobela, ba ne ba tla nna le leina le le botoka go feta barwa le barwadi. Fa Molao o ne o fedisiwa ke Jesu Keresete, batho botlhe ba ba bontshang tumelo, go sa kgathalesege gore ba ne ba na le maemo kgotsa boemo bofe pele, ba ne ba ka nna barwa ba Modimo ba semoya. Go tlhaola batho ka tsela ya senama go ne ga fedisiwa.—Isa 56:4, 5; Joh 1:12.”

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela