Ntlha e e Kwa Tlase
a Go na le ntlha e nngwe e e sa tshwanelang go itlhokomolosiwa: Mo nacimiento ya kwa Mexico, lesea le bidiwa “Modimo Ngwana” ka kgopolo ya gore ke Modimo ka boone yo o neng a tla mo lefatsheng e le ngwana. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore Jesu ke Morwa Modimo yo o neng a tsholwa mo lefatsheng; e ne e se ene Jehofa, Modimo mothatayotlhe, kana a sa lekane le ene. Sekaseka boammaaruri malebana le seno, jaaka bo tlhalosiwa mo go Luke 1:35; Johane 3:16; 5:37; 14:1, 6, 9, 28; 17:1, 3; 20:17.