Ntlha e e Kwa Tlase
a Fa Mokanoki wa Baebele e bong Gordon D. Fee a akgela ka mafoko a ga Paulo a gore “lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi,” o ile a kwala jaana: “Mo dithutong tsa bodumedi tsa ga Paulo [mafoko bopelotelele le bopelonomi] a emela dikarolo tse pedi tsa boikutlo jwa Modimo ka batho (cf. Bar. 2:4). Modimo o bontshitse go nna pelotelele ka lorato ka go itshokela botsuolodi jwa batho; kafa letlhakoreng le lengwe, bopelonomi jwa gagwe bo bonala mo tseleng e a bontshitseng bopelotlhomogi ka yone ka makgetlo a mantsintsi. Ka gone tsela e Paulo a tlhalosang lorato ka yone e simolola ka ditlhaloso tseno tse pedi tsa Modimo, yo ka Keresete a itshupileng a le pelotelele e bile a le pelonomi mo bathong ba ba tshwanelwang ke katlholo ya Modimo.”