Ntlha e e Kwa Tlase
a Lebota le legolo la maje, le le boleele jwa dikubita tse tharo, le ne le kgaoganya Lolwapa lwa Baditšhaba le lolwapa lo lo mo teng. Mo dikarolong dingwe mo loboteng lono go ne go kwadilwe ditlhagiso, tse dingwe di kwadilwe ka Segerika mme tse dingwe di kwadilwe ka Selatine: “Go se ka ga tsena motswakwa ope mo teng ga legora le le dikologileng lefelo le le boitshepo. Le fa e le mang yo o tla tshwarwang o tla tsewa a ikarabelela loso lwa gagwe lo lo tla latelang.”