Ntlha e e Kwa Tlase
a Fano “dinaledi” ga di tshwantshetse baengele ba mmatota. Ruri Jesu o ne a ka se ka a dirisa motho go kwala tshedimosetso a e kwalela dibopiwa tse di sa bonaleng tsa semoya. Ka gone, “dinaledi” di tshwanetse tsa bo di emela balebedi, kgotsa bagolwane ba e leng batho, mo diphuthegong, ba ba tsewang e le barongwa ba ga Jesu. Lebaka la go bo ba le supa ka palo le bontsha gore ba feletse go ya ka ditekanyetso tsa Modimo.