Ntlha e e Kwa Tlase
a Mafoko ano a ka tswa a lebisitse mo ditirong tsa motlhankedi wa thaba ya tempele kwa Jerusalema. Ka nako ya tebelo ya bosigo, o ne a ralala tempele go bona gore a badisa ba yone ba Balefi ba ne ba tsogile kgotsa ba ne ba robetse mo mafelong a ba abetsweng go disa mo go one. Modisa ope yo o neng a fitlhelwa a robetse o ne a itewa ka thobane, mme diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle di ne di ka nna tsa fisiwa e le katlholo e e tlhabisang ditlhong.