Ntlha e e Kwa Tlase
a The Holy Bible, With an Explanatory and Critical Commentary, e e gatisitsweng ke F. C. Cook, e tlhalosa tlwaelo eno e e neng e dirwa mo motlheng wa bogologolo jaana: “Go laola ka bola go ne go dirwa ka go latlhela gauta, selefera kana dibenya mo metsing, mme morago ga moo go bo go sekasekiwa tsela e di lebegang ka yone; kana ka go leba mo metsing fela jaaka motho a leba mo seiponeng.” Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Christopher Wordsworth a re: “Ka dinako dingwe senwelo se ne se tladiwa ka metsi, mme karabo e ne e bonwa ka go leba setshwantsho se se dirilweng ke letsatsi fa le tsabakela mo metsing a a mo senwelong.”