Ntlha e e Kwa Tlase
a Fela jaaka mo thapelong ya sekao ya ga Jesu, thapelo ya khutsafalo e e bidiwang Kaddish le yone e kopa gore leina la Modimo le itshepisiwe. Le mororo go na le dikganetsano ka kgang ya gore a thapelo eno ya Kaddish e ne e ntse e le teng mo motlheng wa ga Keresete kana pele ga foo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo di tshwana. Boikaelelo jwa thapelo eno ya ga Jesu e ne e se gore e nne ya mofuta mongwe o o sa tlwaelegang. Kopo nngwe le nngwe e e mo thapelong eo e ne e tswa mo Dikwalong tse ka nako eo Bajuda botlhe ba neng ba na le tsone. Jesu o ne a kgothaletsa Bajuda ka ene go rapelela dilo tse ba neng ba tshwanetse go bo ba sa bolo go di rapelela.